Baheitane ba tla tsholwa mo phuthegong
1 Morenao bua jaana a re: “Dirang ka tshiamo, bolokang molao. Gonne pholoso ya me e gaufi le go tla; le tshiamo ya me e gaufi le go bonala.
2 Go tshegofaditswe motho yo o dirang jalo, le ngwana wa batho yo o itshwarelelang mo go tseo; yo o tshegetsang letsatsi la Sabata gore a se ka a le itshepolola; yo o disang seatla sa gagwe gore a se ka a dira bosula bope.”
3 A moeng yo o ineetseng moMorenenga se ka a bua a re: “Ruri,Morenao tla ntomologanya le morafe wa gagwe;” le gona a moopafadiwa a se ka a bua a re: “Bonang, ke setlhare se se omeletseng.”
4 GonneMorenao bua jaana a re: “Baopafadiwa ba ba tshegetsang boSabata ba me ba itlhaolela tse di nkgatlhang, ba itshwarelela ka kgolagano ya me,
5 bone ke tla ba naya sesupo le leina le le molemo bogolo go bomorwa le bomorwadi mo Ntlong ya me le mo dipoteng tsa me; ke tla ba naya leina le le sa khutleng le le sa phimolweng.
6 “Mme baeng ba ba ineetseng moMorenenggore ba mo direle, ba rate leina laMorena, ba nne batlhanka ba gagwe; – botlhe ba ba tshegetsang letsatsi la Sabata gore ba se ka ba le itshepolola; ba ba itshwarelelang ka kgolagano ya me –
7 bone ke tla ba tlisa kwa thabeng e e boitshepo ya me, ke ba itumedisa mo Ntlong ya me ya thapelo. Ditlhabelo tsa bone tsa phiso le ditlhabelo tse dingwe tsa bone di tla nkgatlha mo aletareng ya me. Gonne Ntlo ya me e tla bidiwa Ntlo ya thapelo ya merafe yotlhe.”
8 Morena Modimo yo o phuthang ba ba lelekilweng ba Iseraele o bua a re: “Ba ba setseng ba phuthegile ba bone ke tla ba okeletsa gape.
Go kgalemelwa bagogi ba morafe le baikepi ba ona
9 “Lona dibata tsotlhe tsa naga, tlayang lo je! Ee, lona dibata tsotlhe tsa sekgwa!
10 Batlhodi botlhe ba bone ke difofu fela; ga ba itse sepe. Bona botlhe ke dintšwa tse e leng dimumu, tse di sa itseng go bogola. Ba a lora, ba rapame, ba rate go otsela.
11 “Ee, ke dintšwa tse di megagaru, di batla dijo thata, di sa kgore. Gape ke badisa ba ba sa itseng go tlhokomela. Mongwe le mongwe o fapogela mo tseleng ya gagwe, a latela kgwebo ya gagwe, ba botlhe ba dira jalo.
12 Ba re: ‘Tlayang, ke ya go tsaya weine, a re nweng bojalwa; le kamoso go nne jaaka kajeno, le go phala kajeno gagolo.’ ”