JESAYA 58

Go itima dijo ga nnete

1 “Kua thata, se tshabe go swa lentswe! Le tsholetse jaaka lonaka, o itsise morafe wa me boikepo jwa ona le ba lotso lwa ga Jakobe maleo a bone!

2 Ba mpatla ka malatsi otlhe, ba eletsa go itse ditsela tsa me. Ba batla dikatlholo tse di siameng mo go nna, ba eletsa go atamela Modimo, jaaka e kete ke setšhaba se se dirileng ka tshiamo, se se sa tlogelang molao wa Modimo.

3 “Ba re: ‘Ke ka ntlhaang, fa o sa re bone re itima dijo? Ke ka ntlhaang fa re ikilela, wena o sa itse?’

“Kana ka letsatsi le lo itimang dijo ka lone lo tsweletsa kgwebo pele, lo bogisa batlhanka botlhe ba lona!

4 Bonang, lo itima dijo ka go tsosa kgang le ntwa le ka go kitla ka letswele le le bosula. Go itima dijo ga lona kajeno ga se mo go ka utlwatsang mantswe a lona kwa legodimong.

5 A ke gona go itima dijo mo ke go ratang, fa motho a ikilela letsatsi le le lengwe, a oba tlhogo ya gagwe jaaka motlhatlha, a dira kgetse le molora bolao jwa gagwe? A ke tsona o di bitsang go itima dijo le letsatsi le le natefelangMorena?

6 “A ga ke re: Go itima dijo mo ke go ratang ke go golola ba ba golegilweng ka tshiamololo; ke go bofolola dikgole tsa botlhanka; ke go lokolola ba ba gateletsweng; ke go roba dijoko tsotlhe tsa botlhanka?

7 Ee! Ke go abela ba ba tshwerweng ke tlala dijo tsa gago; ke fa o isa babogisegi ba ba se nang legae mo ntlong; ke fa o apesa yo o mmonang a sa ikatega; ke fa o sa iphitlhele motho ka wena.

8 “Foo lesedi la gago le tla tlhatloga jaaka mahube, go fola ga gago go tla tswelela pele ka bonako. Tshiamo ya gago e tla go etelela pele, kgalalelo yaMorenae go sala morago.

9 Foo o tla bitsa, mmeMorenao tla araba; o tla goela thuso, mme o tla re: ‘Bona, ke fano!’

“Fa o tlosa kgatelelo mo gare ga gago, fa o khutla go supa ka monwana le go bua tsa boikepo;

10 fa o tlhomogela yo o tshwerweng ke tlala pelo; fa o kgorisa motho yo o bogisegileng: Foo lesedi la gago le tla tlhaba mo lefifing; sefifi sa gago se tla tshwana le lesedi la motshegare.

11 MmeMorenao tla go etelela pele ka gale, a go kgorisa mo komelelong, a tiisa marapo a gago. Mme o tla nna jaaka tshimo e e noseditsweng, o tshwana le motswedi wa metsi o o sa kgaleng.

12 Mme ba ga eno ba tla tsosa marope a kgale; o tla aga metheo ya ditshika tsa bogologolo sešwa, mme o tla bidiwa ‘Motsosi wa marope’ yo o baakanyang ditsela gore batho ba nne teng.

Ka ga go tlhokomela Sabata

13 “Fa o thibela maoto a gago ka Sabata gore o se ka wa bapatsa ka letsatsi le le boitshepo la me; fa o bitsa Sabata boitumelo jwa gago le letsatsi le le boitshepo laMorenale le tlotlegang; fa o le tlotla, o sa itsamaele mo ditseleng tsa gago, o sa tsweletse papadi ya gago pele, o sa bue tsa boithamako:

14 Foo o tla itumela moMoreneng, mme ke tla go naya maemo a a kwa godimo mo lefatsheng, ke go jesa boswa jwa ga Jakobe rraago.” Gonne molomo waMorenao buile jalo.