Kgalalelo ya Sione e e tlang
1 Tsoga, o sedimogelwe!
Gonne lesedi la gago le tsile,
mme kgalalelo yaMorena
e go tlhabetse.
2 Gonne bonang,
lefifi le khurumeditse lefatshe,
le bontsho merafe,
mme wenaMorena
o tla go tlhabela jaaka letsatsi;
kgalalelo ya gagwe
e tla bonala mo go wena.
3 Mme baheitane ba tla
phuthegela kwa leseding la gago,
le dikgosi kwa phatsimong
e e go tlhabetseng.
4 Tsholetsa matlho
o lebe tikologong:
Ba phuthegile botlhe,
ba tla kwa go wena.
Bomorwao ba tla tswa
kwa kgakala,
bomorwadio ba tlisiwa
ba ntse mo nokeng.
5 Foo o tla ba bona,
o tlala boitumelo;
pelo ya gago e tla gakgamala,
e tsharologa,
fa bontsi jo bo fa lewatleng
bo sokologela kwa go wena,
fa khumo ya baheitane
e tla kwa go wena.
6 Dikammele di tla tlalatlala
mo go wena,
le dikammelana tsa Midiane
le Efa.
Bašeba ba tla tla botlhe,
ba tlisa gouta le maswalo,
ba utlwatsa ditiro tse dikgolo
tsaMorenaka boitumelo.
7 Matsomane otlhe a Ketare
a tla go phuthegela;
diphelehu tsa Nebayothe
di go direla;
di tla tla mo aletareng ya me,
di nkgatlha, mme Ntlo ya me ya thapelo
ke tla e galaletsa.
8 Ke bomang ba ba fofelang
kwano jaaka leru;
jaaka maeba kwa dirobing
tsa ona?
9 Ee, ditlhakatlhake
di ntebeletse
tse di etelelang pele
ke mekoro ya Tharesise
gore di tlise bomorwao
go tswa kgakala;
ba di tlisetsa leina laMorena,
Modimo wa gago,
Moitshepi wa Iseraele,
gonne o a go galaletsa.
10 “Baeng ba tla aga
dipota tsa gago,
dikgosi tsa bone di go direla;
gonne ke go beditse
ke le bogale,
ka go utlwela botlhoko
ke le pelonomi.
11 Dikgoro tsa gago
di tla bo di bulegile ka gale,
di sa tswalwe bosigo
le motshegare,
gore ba go tlisetse
mahumo a ditšhaba,
di eteletswe pele
ke dikgosi tsa tsona.
12 Gonne setšhaba le bogosi,
tse di ganang go go direla,
di tla latlhega.
Mafatshe a tsona
a tla fetoga sekaka.
13 “Kgalalelo ya Lebanone
e tla tla kwa go wena,
e leng ditlhare tsa mesiperese
le palatane le paina,
gore di kgabise
Felo ga Boitshepo ga me,
gore ke tlotle
felo ga dinao tsa me.
14 Bomorwa bagateledi ba gago
ba tla tla, ba go ikobela;
botlhe ba ba go kgobileng
ba tla go khubamela
fa patong tsa dinao tsa gago,
ba go bitsa
‘Motse waMorena’ le
‘Sione wa Moitshepi
wa Iseraele’.
15 “O ne o tlogetswe, o tlhoilwe,
go se yo o go ralalang.
Mo boemong jwa tseo
ke tla go dira yo o galalelang
ka bosakhutleng,
yo o thabisang
ditshika tsotlhe.
16 O tla anya mašwi a ditšhaba,
o anya mabele a dikgosi.
O tla itse gore nnaMorena
ke mopholosi wa gago;
le gore mogolodi wa gago
ke Senatla sa Iseraele.
17 “Ke tla go tlisetsa gouta
boemong jwa kgotlho,
ke go tlisetsa selefera
boemong jwa tshipi le
kgotlho boemong jwa dikgong
le tshipi boemong jwa mafika.
Ke tla dira kagiso
mmuso wa gago
le tshiamo balaodi ba gago.
18 Kgatelelo ga e nke e tlhola
e utlwala mo lefatsheng
la gago,
le e seng tshenyo le thubako
mo melelwaneng ya gago.
O tla bitsa dipota tsa gago
pholoso
le dikgoro tsa gago pako.
19 “Letsatsi ga e nke e tlhola
e nna lesedi la gago
motshegare;
phatsimo ya ngwedi
ga e tlhole e go bonegela
bosigo,
mmeMorenao tla nna lesedi
le le sa khutleng la gago;
Modimo wa gago
o tla nna kgalalelo ya gago.
20 Letsatsi la gago
ga le nke le tlhola le phirima;
ngwedi wa gago
ga o nke o tlhola o swa.
GonneMorena
o tla nna lesedi
le le sa khutleng la gago.
Malatsi a khutsafalo ya gago
a fedile.
21 Morafe wa gago
e tla nna basiami botlhe fela;
ba tla rua lefatshe
ka bosakhutleng,
e le matlhogela
a ke a tlhomileng,
e le tiro ya diatla tsa me
gore ke ikgalaletse ka yona.
22 Yo mmotlana o tla tswa
ba le sekete;
yo monnye o tla nna setšhaba
se se thata.
NnaMorenake tla akofa
ke dirafatsa tseo
mo motlheng wa tsona.”