Mafoko a boitumelo ka ga pholoso e e tlang
1 Mowa wa Morena Modimo
o mo go nna,
ka gonneMorenao ntloditse,
a nthoma go rerela babogisegi
mafoko a boitumelo le go alafa
ba ba pelo-di-phatlogileng
le go itsise batshwarwi kgololo
le ba ba golegilweng
go bulwa ga kgolegelo,
2 le go bega ngwaga
wa bopelotlhomogi
waMorena
le letsatsi la pusoloso
la Modimo wa rona;
e le go gomotsa botlhe
ba ba hutsafetseng,
3 le go naya ba ba hutsafetseng
ba Sione mokgabo wa tlhogo
boemong jwa molora
le lookwane lwa boitumelo
boemong jwa diaparo
tsa khutsafalo
le kopelo ya pako
boemong jwa mowa
o o kgobegileng marapo.
Mme ba tla bidiwa
ditlhare tsa metherebinthe
tsa pholoso
le ditlhomiwa tsaMorena
gore a ikgalaletse ka tsona.
4 Mme ba tla aga
marope a kgale,
ba tsosa matlotla
a bogologolo,
ba ntšhwafatsa metse
e e sentsweng,
e leng marope a ditshika
tsotlhe.
5 Baeng ba tla ema,
ba disa dinku tsa lona;
ba ditšhaba
e tla nna balemedi ba lona
le batlhomi ba meweine
ya lona.
6 Mme lona lo tla bidiwa
baperesiti baMorena;
ba tla lo bitsa badiredi
ba Modimo wa rona.
Lo tla ja khumo ya ditšhaba,
lo itumisa ka kgalalelo
ya tsona.
7 Boemong
jwa ditlhong tsa lona
lo tla busediwa gabedi.
Boemong jwa kgobo
ba tla dudueletsa
kabelo ya bone.
Ee, ba tla rua kabelo tse pedi
mo lefatsheng la bone,
ba na le boitumelo
jo bo sa khutleng.
8 “Gonne nnaMorena
ke rata tshiamo,
ke ila thukhutho
ya bopelompe.
Ke tla ba naya tuelo ya bone
ka boikanyego,
ke dira kgolagano
e e sa khutleng le bone.
9 Losika lwa bone
lo tla itsiwe mo ditšhabeng,
le bana ba bone
mo gare ga merafe.
Botlhe ba ba ba bonang,
ba tla lemoga gore
bone ke losika loMorena
o lo tshegofaditseng.”
10 Ke itumela ka pelo yotlhe
moMoreneng!
A mowa wa me o dudueletse
Modimo wa me!
Gonne o nkapesitse
diaparo tsa pholoso,
a nkhurumetsa ka kobo
ya tshiamo
jaaka monyadi
a rwala mokgabo
wa tlhogo wa moperesiti,
le jaaka monyalwa a ikgabisa
ka mekgabiso ya gagwe.
11 Gonne lefatshe le godisa
tse di melang mo go lone,
tshimo e tlhogisa
tse di jwetsweng mo go yona:
Morena Modimo o tla tlhogisa
tshiamo le tumiso jalo
fa pele ga ditšhaba tsotlhe.