Jerusalema o a galalediwa
1 Ka ntlha ya Sione
ga nkitla ke didimala,
le ka ntlha ya Jerusalema
ga nkitla ke ikhutsa,
go tsamaya tshiamo ya gagwe
e tswe jaaka phatsimo,
le pholoso ya gagwe
e tuke jaaka lobone
lo lo bonesang.
2 Merafe e tla bona
tshiamo ya gago,
dikgosi tsotlhe
di bona kgalalelo ya gago.
O tla bidiwa ka leina le lešwa
le o le tewang
ke molomo waMorena.
3 O tla nna serwalo sa bogosi
se sentle mo seatleng
saMorenale kuane ya bogosi
mo seatleng sa Modimo
wa gago.
4 Ga o nke o tlhola o bidiwa
“Yo o tlogetsweng”;
ga ba nke ba tlhola
ba bitsa lefatshe la gago
“Bodutu”,
mme o tla bidiwa
“Yo o nkgatlhang”,
le lefatshe la gago
“Le le nyetsweng”;
gonneMorena
o tla kgatlhwa ke wena;
lefatshe la gago le tla nyalwa.
5 Gonne Moagi wa gago
o tla go nyala
jaaka lekau le nyala lekgarebe;
Modimo wa gago
o tla go itumelela jaaka monyadi
a itumelela monyalwa.
6 Jerusalema, ke tlhomile badisa
mo dipoteng tsa gago,
ba ba sa didimaleng bosigo
jotlhe le motshegare otlhe.
Lona ba lo gopotsangMorena,
lo se ka lwa ba lwa ikhutsa!
7 Le ene lo se ka lwa ba
lwa mo ikhutsisa
go fitlhelela a tsose
Jerusalema,
a mo dire yo o tumileng
mo lefatsheng!
8 Morenao ikanne ka letsogo
le le jang,
ka letsogo le le thata,
a re: “Ga nkitla ke tlhola
ke neela
baba ba gago mabele a gago
go nna dijo tsa bone;
baeng ga ba nke ba nwa
matute a moweine a gago
a o a itapiseditseng.
9 Nnyaya! Ba ba a robang
ba tla a ja go bakaMorena;
ba ba a fulang ba tla a nwa
mo malapeng a a boitshepo
a me.”
10 Tswaang, tswaang ka dikgoro,
baakanyang tsela ya morafe!
Katang ka mmu,
lo godise tsela e kgolo;
tlosang mafika,
lo tlhomele merafe sefoka!
11 Bonang,Morenao utlwatsa
go fitlha bokhutlong
jwa lefatshe a re:
“Rayang morwadia Sione
lo re:
‘Bona, Mopholosi wa gago
o e tla; bona,
tuelo ya gagwe o na nayo,
papadi ya gagwe
e fa pele ga gagwe.’ ”
12 Ba tla bidiwa
“Morafe o o Boitshepo”
le “Ba ba golotsweng
baMorena”.
Mme wena o tla bidiwa
“Yo o batlilweng” le
“Motse o o sa tlogelweng”.