JESAYA 66

Baleofi ba tla latlhega; Sione o tla galalediwa

1 Morenao bua jaana a re: “Legodimo ke sedulo sa me sa bogosi, mme lefatshe ke sebeo sa dinao tsa me. Ke ntlo e e ntseng jang e lo tla e nkagelang? Felo ga boikhutso jwa me go fa kae?

2 Ke seatla sa me se se dirileng dilo tsotlhe tse; dilo tsotlhe tsa tlholega jalo, go buaMorena. Mme yo ke tla mo lebang, ke yo o bogisegang, yo o mowa o sugegileng, yo o boifang lefoko la me.

3 “Yo o dirang kgomo setlhabelo ke yo o bolayang motho; yo o dirang nku setlhabelo ke yo o robang ntšwa molala; yo o tlisang tshupelo ya dijo ke yo o tlisang madi a kolobe; yo o lebogang ka go fisa maswalo ke yo o bokang modimo o sele: Bona ba itumelela ditsela tsa bone; dipelo tsa bone di natefelwa ke maila a bone.

4 Ka moo le nna ke tla itumela go ba direla bosula; ke ba dirafaletsa tse ba di boifang; gonne e rile ke bitsa, ga bo go se na yo o arabang; ya re ke bua, ba se ka ba utlwa, mme ba dira tse di bosula mo matlhong a me, ba itlhaolela tse di sa nkgatlheng.”

5 Utlwang lefoko laMorena, ba lo boifang lefoko la gagwe! “Go buile bomorwa-rraalona ba ba lo tlhoang, ba ba lo lelekang ka ntlha ya leina la me, ba re: ‘AMorenaa ikgalaletse gore re bone boitumelo jwa lone!’ – Mme ba tla tlhajwa ke ditlhong.

6 Utlwelelang! Loratla lo tswa mo motseng! Utlwelelang! Lo tswa kwa Tempeleng! Utlwelelang!Morenao bolaisa baba ba gagwe tse ba di jeleng.

7 “E rile Jerusalema a ise a segwe ke leralalo, a belega; ya re a ise a segwe ke metlotsedi, a tshola ngwana wa mosimane.

8 Ke mang yo o kileng a utlwa se se ntseng jalo? Ke mang yo o kileng a bona dilo tse di ntseng jalo? A lefatshe le ka tlholega ka letsatsi le le lengwe fela? Gongwe a setšhaba se ka tsalwa ka gangwe fela? Ee, ya re Sione a segwa ke metlotsedi, ya ba gona a belegang bana ba gagwe.

9 A ke tla simolola tiro ya go belegisa, mme ke sa e wetse?” Go botsaMorena. “Gongwe a nka tswala sebopelo ke le mmelegisi?” Go botsa Modimo wa gago.

10 Itumeleng le Jerusalema,

lo mo dudueletse,

lotlhe ba lo mo ratang!

Itumeleng nae ka pelo yotlhe,

lotlhe ba lo neng

lo mo hutsafalela!

11 Gore lo tle lo anye,

lo kgore mo mabeleng

a dikgomotso tsa gagwe;

gore lo tle lo nwe,

lo lapologe ka letlotlo

la kgalalelo ya gagwe!

12 GonneMorenao bua jaana a re: “Bonang, ke tla eledisetsa kagiso kwa go ene jaaka noka le mahumo a ditšhaba jaaka nokana e e tletseng; mme lo tla anya, lo kukiwa mo nokeng, lo farwa mo diropeng.

13 Ke tla lo gomotsa jaaka motho a gomodiwa ke mmaagwe; ee, lo tla gomodiwa mo Jerusalema.”

14 Fa lo bona tseo, dipelo tsa lona di tla itumela; marapo a lona a tla tlhoga jaaka bojang jo bonana; seatla saMorenase tla itshupa mo batlhankeng ba gagwe, mme o tla gakalela baba ba gagwe.

15 Gone bonang,Morenao tla tla ka molelo, le dikoloi tsa gagwe jaaka phefo e kgolo, gore a dirafatse bogale jwa gagwe ka bolelo le kgalemelo ya gagwe ka dikgabo tsa molelo.

16 Ee,Morenao tla atlhola batho botlhe, a ba betsa ka molelo le ka tšhaka ya gagwe; ba ba bolailweng keMorenae tla nna ba bantsi.

17 “Ba ba ikilelang le go iitshekisetsa masimo, ba ba latelang a le mongwe yo o mo gare, ba ba jang nama ya kolobe le maila a mangwe le magotlo, ba tla fela mmogo.”Morenao buile jalo.

18 “Mme nna ke itse ditiro tsa bone le megopolo ya bone. Sebaka se e tla sa go kgobokanya ditšhaba tsotlhe le diteme tsotlhe. Di tla tla, di bona kgalalelo ya me.

19 Mme ke tla ba direla sesupo, ke romela ba ba falotseng ba bone kwa ditšhabeng, kwa Tharesise le kwa Phule le kwa Lute, ba ba hulang ka bora, le kwa Thubale le kwa Jafane le kwa dintshing tsa mawatle tse di kgakala, ba ba iseng ba utlwe lefoko ka ga me, ba ba iseng ba bone kgalalelo ya me, mme ba tla itsise ditšhaba kgalalelo ya me.

20 Mme bomorwa-rraeno botlhe ba ba mo ditšhabeng tsotlhe ba tla ba tlisetseMorenae le neo ka dipitse le ka dikoloi le ka ditsholo le ka meboulwe le ka dikammele tse di serota kwa thabeng e e boitshepo ya me, kwa Jerusalema, fela jaaka Baiseraele ba isa ditshupelo tsa dijo kwa Ntlong yaMorenaka dijana tse di phepa.”Morenao buile jalo.

21 “Le gona ke tla ntsha bangwe mo go bone gore ba nne baperesiti le Balefi,” go buaMorena.

22 “Gonne legodimo le lešwa le lefatshe le lešwa tse ke di dirang, di tla bo di ntse di eme fa pele ga me,” go buaMorena. “Losika lwa lona le leina la lona le tsona di tla tlhomama jalo.

23 Mo kgweding nngwe le nngwe, fa ngwedi o rogwa, le mo bekeng nngwe le nngwe ka Sabata, batho botlhe ba tla tla go obamela fa pele ga me,” go buaMorena.

24 “Ba tla feta ba tswela kwa ntle, ba bona direpa tsa batho ba ba neng ba ikepa mo go nna. Gonne seboko sa bona ga se kitla se swa; molelo wa bone ga o kitla o tima, mme ba tla nna maila mo bathong botlhe.”