JOBE 10

1 “Bophelo jwa me bo a ntena.

Ke tla ntsha selelo sa me.

Ke tla bua ke le botlhokong

jo bo galakang,

2 ke raya Modimo ke re:

Se nkatlhole wa re, ke moikepi;

nkitsise se se go losang le nna.

3 A go molemo mo go wena,

fa o dira tsa kgatelelo,

fa o latlha

yo diatla tsa gago di mo dirileng,

fa o kgatlhwa ke maano

a baikepi?

4 A matlho a gago ke a nama?

Gongwe a o bona

jaaka motho a bona?

5 A malatsi a gago a tshwana

le malatsi a motho?

Gongwe a dinyaga tsa gago

di tshwana le malatsi a monna?

6 Ke go reng,

fa o batla molato mo go nna,

fa o latelela sebe sa me?

7 Etswe o ntse o itse,

fa ke se na molato,

e bile go se na ope

yo o ka pholosang mo diatleng

tsa gago.

8 Diatla tsa gago di mpopile,

di ntirile ka botswerere gotlhe!

A o batla go nnyeletsa?

9 A ko o gopole gore o mpopile

jaaka letsopa!

Jaanong a o mpusetsa loroleng?

10 A ga o a ntshela jaaka mašwi,

wa nthemisa

jaaka madila a a loileng?

11 Wa nkapesa letlalo le nama,

wa ntshwaraganya ka marapo

le mesifa.

12 O mphile bophelo, wa nthata,

wa mpolokela mowa

ka go mpabalela.

13 Mme tse o neng o di fitlhile

mo pelong ya gago

– jaanong ke itse boikaelelo

jwa gago – ke tse:

14 Fa nka leofa, o tla nkela tlhoko;

ga o kitla o nkgolola molatong.

15 Fa nka ikepa,

a tatlhego ya me wee!

Le fa ke le yo o siameng,

ga ke na go tsholetsa tlhogo

ka ntlha ya go kgora tsa ditlhong

le go bona pogisego ya me.

16 Fa tlhogo e ka bo e itsosa,

o ka bo o ntsoma jaaka tau,

o ntse o ntemosa thata ya gago

e e gakgamatsang.

17 O ka bo o ntebaganya

le basupi ba bašwa,

o godisa go nkgalefela ga gago,

o ntse o ntlhasela ka mephato

e mešwa.

18 O nntsheditseng mo mmeleng

wa ga mme?

E kete nka bo ke sule ke ise

ke bonwe ke leitlho la motho.

19 Foo nka bo ke tshwana

le yo o iseng a nne teng;

nka bo ke isitswe

kwa lebitleng fela

ka nako e ke duleng

mo popelong ka yona.

20 Malatsi a me a ga a mannye?

A Modimo o khutle,

a o ntese,

ke tle ke phuthologe

go le gonnye!

21 Ke ise ke ye kwa fatsheng

la lefifi la moriti wa loso,

kwa ke sa tlholeng

ke ka boa teng

22 kwa lefatsheng le lentsho la lefifi

la moriti wa loso

le le se nang thulaganyo;

kwa bosigogare

bo bidiwang lesedi.”