JOBE 12

Jobe o a araba

1 Jobe a fetola a re:

2 “Ee ruri, batho ke lona;

botlhale bo tla swa le lona.

3 Le nna ke na le tlhaloganyo

jaaka lona;

ga lo mphale.

Ke mang yo o sa itseng

tse di ntseng jalo?

4 Ke fetogile yo o sotlwang

ke mongwe-ka-ene,

ke le yo o rapetseng Modimo,

wa ba wa nkutlwa;

go sotlega mosiami

yo o se nang molato.

5 Yo o phelang monate a re:

Nyatso e tshwanela

ba ba mo tatlhegong;

ba dinao tse di relelang

a ba kgopisiwe!

6 Kagiso e mo malapeng

a ba ba gatelelang.

Ba ba gakatsang Modimo

ba thagame ba re:

Modimo re a o laola.

7 Mme a ko o botse diphologolo

gore di go rute,

le dinonyane tsa loapi

gore di go itsise.

8 Gongwe bua le lefatshe

gore le go rute,

a ditlhapi tsa lewatle

di go bolelele!

9 Ke mang yo o sa lemogeng

ka tsotlhe tse,

fa seatla saMorenase di dirile?

10 Kana bophelo jwa tse di phelang

tsotlhe

le mewa ya mebele ya batho

botlhe

di mo seatleng sa gagwe.

11 A ga se tshwanelo ya tsebe

go tlhatlhoba mafoko

jaaka magalapa a utlwa dijo?

12 Ga twe:

Botlhale bo mo go

ba ba tlhogo-di-pududu.

Bontsi jwa malatsi

bo tlisa tlhaloganyo.

13 Nnyaya! Botlhale le bonatla

di mo go ona;

ke ona o o nang le maano

le temogo.

14 Ruri, ona o a rutla,

mme ga go yo o ka tsosang;

o tswalela motho,

go se yo o ka mmulelang.

15 Bonang, fa o thibela pula,

metsi a a tšha;

mme fa o ka e nesa,

a gogola naga.

16 O na le thata le temogo.

Motimedi ke wa ona

fela jaaka motimetsi.

17 Banna ba lekgotla

o ba isa botshwarong

ka dinao di sa rwala;

o silofatsa baatlhodi.

18 O bofolola dikgole

tse dikgosi di bofang ka tsona;

o di golega matheka ka kgole.

19 Baperesiti o ba isa botshwarong

ka dinao di sa rwala;

o diga ditshika tsa kgale.

20 Ba ba ikanyegang o ba tima puo;

o amoga banna bagolo temogo.

21 O goromeletsa nyatsego

mo batlotleging;

o repisa meitlamo ya ba ba thata.

22 Madiba a lefifi o a a senola;

lefifi le lentsho

o le ntshetsa leseding.

23 O godisa ditšhaba,

le gona o a di nyeletsa;

o anamisa ditšhaba,

o bo o di tlose.

24 O amoga ditlhogo tsa batho

ba lefatshe tlhaloganyo;

o ba kgarakgatsha sekakeng

mo go se nang tsela.

25 Ba apaapa mo fifing

fa go seng lesedi;

o ba theekedisa jaaka matagwa.