Puisanyo ya bobedi
Go bua Elifase
1 Ke fa Elifase wa Themane a fetola a re:
2 “A motlhalefi o ka araba ka kitso
e e leng phefo fela,
a tlatsa mpa ya gagwe phefo
ya botlhabatsatsi,
3 e le go ikarabela ka mafoko
a a se nang mosola
le ka dipuo tse di sa thuseng
sepe?
4 Ee, wena o senya poifo-Modimo,
o ngotla tshisimogo
fa pele ga Modimo.
5 Gonne molomo wa gago
o buisiwa ke molato wa gago;
o itlhophela puo ya maferefere.
6 Ga se nna ke go sekisang,
o sekisiwa ke molomo wa gago;
mafoko a gago a supa ka ga gago.
7 A ke wena motho wa ntlha
yo o tsetsweng?
A o tlholegile pele ga dithabana?
8 A o ne o reeditse
mo lekgotleng la Modimo?
A o iphamoletse botlhale?
9 O itse eng se rona re sa se
itseng?
A o lemogile sengwe
se rona re iseng re se lemoge?
10 Ba ba tlhogo-di-pududu le
batsofe
le rona re na nabo;
ke ba malatsi a mantsi
bogolo go rraago.
11 Dikgomotso tsa Modimo
a o a di galala,
e bong lefoko le le builweng
le wena ka bonolo?
12 O betelwang ke pelo?
Ke eng, fa o gwetola matlho?
13 Kana o losa mowa wa gago
le Modimo,
fa o ntsha mafoko a a ntseng jalo
mo molomong wa gago!
14 Motho ke eng?
A e ka nna yo o itshekileng?
A ngwana wa mosadi
e ka nna yo o siameng?
15 Bonang, baitshepi ba ona
ga o ba ikanye;
le legodimo ga le a itsheka
mo matlhong a ona,
16 bogolo jang motho yo o maila
yo o senyegileng,
yo o nwang bokgopo jaaka metsi!
17 Ke tla go ruta, ntheetse;
ke tla bolela tse ke di bonyeng,
18 tse batlhalefi ba di bolelang,
tse borraabo
ba sa di ba lobelang.
19 Ke ba ba neng ba neilwe lefatshe
ba le nosi,
moeng a sa ba ralale:
20 Ba re: Moikepi o mo poifong
ka malatsi otlhe fela,
jaaka morena yo o pelompe ka
dinyaga tsotlhe tse o di
beetsweng.
21 Medumo ya matshogo
e duma mo tsebeng tsa gagwe;
e a re a le kagisong,
a welwe ke mogateledi.
22 Ga a solofele go ka boa mo
lefifing;
o atlholetswe go bolawa ka
tšhaka.
23 O kgarakgatshega go batla dijo.
Di kwa kae?
O a itse, fa letsatsi la tatlhego
le etleeditswe le le gaufi nae.
24 Tlalelo le pitlaganyo
di mo tshosa
di mo wela jaaka go tshosa kgosi
e e bolotseng go tlhasela.
25 Ke ka gonne o otlololetse
Modimo letsogo go lwa nao,
a ikgantshetsa
Mong-wa-thata-yotlhe.
26 A o tlhasela ka thamo
e e gagametseng
le ka bontsi jwa dithebe
tsa gagwe.
27 Gonne o sirilwe matlho
ke go nona,
a akola mafura diropeng,
28 a nna mo metseng e e sentsweng
le mo matlong,
a ba a ileditsweng
a a atlholetsweng go nna
matlotla.
29 Ga a kitla a huma;
tse o nang natso
ga se tse di tlhomameng;
di tshwana le diako
tse di sa obegeleng fa fatshe.
30 Ga a kitla a falola mo fifing;
bolelo bo tla swabisa
matlhogela a gagwe;
o tla nyelela ka pudulo
ya molomo wa ona.
31 A a se ka a ikanya boithamako,
o a itsietsa;
gonne tuelo ya gagwe
e tla nna boithamako.
32 Go tla dirafala jalo
letsatsi la gagwe le ise le tle;
kala ya mokolane wa gagwe
ga e tlhoge.
33 O tla diga maungo
a a iseng a butswe
jaaka moweine;
a tlhotlhora dithunya tsa gagwe
jaaka setlhare sa olefa.
34 Gonne lekoko la balotsana
ke la baopa;
molelo o tla fisa malapa
a ba ba amogelang neo
e e faposang tshiamo.
35 Ba ithwala tapisego,
ba tsala tatlhego;
teng ya bone e etleetsa tsietso.”