Jobe o a araba
1 Jobe a fetola a re:
2 “Mafoko a mofuta oo
ke a utlwile gantsi;
lo bagomotsi ba lo tenang
motho, lona lotlhe.
3 Mafoko a e leng diphefo fela
a a feleletse?
Gongwe o tlhotlhelediwa ke eng,
fa ò fetola?
4 Le nna nka bo ke itse go bua
jaaka lona, fa lona lo ka bo
lo le mo boemong jwa me;
ke ne ke tla lo rulaganyetsa
mafoko sentle
le go lo thukhuthela tlhogo.
5 Nka bo ke lo nonotsha ka
molomo wa me;
kutlwelo-botlhoko
ya mafoko a me e ka bo
e kokobetsa tlalelo ya lona.
6 Le fa nka bua, botlhoko jwa me
ga bo kokobele;
fa ke didimala,
ke tlogelwa ke eng?
7 Ruri, jaanong ona o ntapisitse.
Wena Modimo, o ntshenyetsa
ba ga etsho botlhe,
8 o a ntshwara;
botlhoko jwa me ke mosupi;
bo ntsogetse, jwa mpaya molato
bo lebaganye le nna.
9 Bogale jwa ona bo nkgagotse
le go ntwantsha;
ona wa nkhuranyetsa meno;
montsogedi
a nkgwetolela matlho.
10 Ba nkatlhamolosetsa melomo,
ba ntitaya marameng ka kgobo,
ba nkgobokanela go lwa le nna.
11 Modimo o nneetse
ba ba sokameng,
wa ntatlhela diatleng tsa baikepi.
12 Ke ne ke le boiketlong,
mme wa nthobaganya;
wa ntshwara mo thamong,
wa mpšhwetlakanya;
wa ntira sekonopiwa sa ona.
13 Metsu ya ona e mpharafere
mo ntlheng tsotlhe;
o mphatlola pelo o sa rekegele;
santlhokwe wa me
o o tshololela fa fatshe.
14 O phunyaphunya mmele wa me
jaaka fa go phunngwa lobota;
o ntlhasela jaaka seganka.
15 Lesela la bohutsana ke le
rokeletse mo letlalong la me;
lonaka lwa me
ka lo latlhela loroleng.
16 Matlho a me
a hubitse ka go lela;
lefifi le lentsho le mo dintshing
tsa matlho a me;
17 e tswe go se na bokgopo
mo diatleng tsa me
le thapelo ya me e le phepa.
18 Wena lefatshe,
se khurumetse madi a me!
A go goa ga me
go se bone boikhutso!
19 Le jaanong, bonang, mosupi
wa me o kwa legodimong;
ee, moemedi wa me
o kwa godimodimo!
20 Ditsala tsa me di a ntshotla,
mme matlho a me
a rothela dikeledi Modimong
21 gore o fedise kgang ya monna
le Modimo
le ya morwa motho
le tsala ya gagwe.
22 Gonne go setse dinyaga
di se kae,
mme ke tla wela mo tseleng,
ke sa boe.