JOBE 17

1 “Mowa wa me o a fela,

malatsi a me a a tima;

ke lebitla fela le le ntshaletseng.

2 Ruri, ditshotlo ke kabelo ya me;

matlho a me a lala a ledisiwa

ke dikomano tsa bone.

3 A ko o mpeele,

o nkemele mo go wena!

Yo mongwe kana ga a teng

yo o ka nkemelang!

4 O subetse pelo tsa bone

tlhaloganyo;

ka moo ga o kitla

o ba naya phenyo.

5 Yo o batlang kabelo

ka go eka ba ga gabo,

bana ba gagwe

ba tla rotola matlho.

6 Nna o ntirile seane sa batho;

ke fetogile yo o kgwelwang

mathe mo sefatlhegong.

7 Matlho a me a fifetse

ka botlhoko;

ditokololo tsa me tsotlhe

di tshwana le moriti fela.

8 Ka ntlha ya tseo go rerega

ba e leng ba nnete;

ba ba se nang molato

ba tsogela baikepi.

9 Mme mosiami o tla sala

mo tseleng ya gagwe;

yo o diatla di phepa

o tla nna a tiela pele.

10 Mme lona lotlhe,

a ko lo tle gape;

fela ga nka ke ka bona

yo o botlhale mo go lona.

11 Malatsi a me a fetile.

Maano a me a senyegile

a pelo ya me e a tlhoafaletseng.

12 Bosigo ba bo dira motshegare

ba re: ‘Lesedi le gaufi,

le fa go ntse go le lefifi fela.’

13 Ke letile felo ga baswi ka re,

ke ntlo ya me;

bolao jwa me

ke bo ala mo lefifing.

14 Ke raya phupu ke re: ‘O rre’;

le diboko, ke re:

‘Lo mme’ le ‘kgaitsadiake.’

15 Tse ke di lebeletseng di kae?

Tse ke di solofelang

di bonwa ke mang?

16 Di fologela dikgorong

tsa felo ga baswi,

fa go robetswe mmogo leroleng.”