JOBE 18

Go bua Biletate

1 Ga fetola Biletate wa Sua a re:

2 “O tla fetsa leng go buabua?

Ikakanye pele, nte go bue rona!

3 Ke ka ntlha ya eng,

fa re kaiwa jaaka kgomo fela,

fa re le dieleele

mo matlhong a lona?

4 Fa o ikgarolaka

mo bogaleng jwa gago:

A lefatshe le tla tlogelwa

ka lebaka la gago?

A lefika le ka suta

mo mannong a lone?

5 Nnyaya!

Lesedi la moikepi

le tla tima;

kgabo ya molelo wa gagwe

ga e bonese.

6 Lesedi la lelapa la gagwe

le a fifala;

lobone lwa gagwe

lo tima godimo ga gagwe.

7 Dikgato tsa go gwanta ga gagwe

di tla koafala,

mme maano a gagwe

a tla mo diga.

8 Gonne o isiwa letloeng

ke maoto a gagwe;

o itsamaela mo godimo

ga digopo.

9 Mutlwane o mo tshwara

seretheng;

seru se a mmofa.

10 Segole o se thaetswe

ka mo mmung;

le gona o thaiwa mo tseleng.

11 Ditherego di mo tshosa

mo ntlheng tsotlhe;

di mo tebela di ntse

di mo setse morago.

12 Tatlhego e mo meletsa mathe;

kotsi e baakantswe go mo diga.

13 Motsalwapele wa losoo tla ja

dibatanyana tsa letlalo la gagwe;

o tla ja ditokololo tsa gagwe.

14 O tla kumolwa mo lapeng

la gagwe le a neng a le ikanya;

o tla isiwa kwa kgosing

ya ditherego.

15 Dilo tse e seng tsa gagwe

di tla nna mo lapeng la gagwe;

go tla gasiwa sebabole

mo nageng ya gagwe.

16 Go tla omelela medi ya gagwe

ka kwa tlase;

dikala tsa gagwe di tla swaba

kwa godimo.

17 Ga a tlhole a gopolwa

mo fatsheng;

ga a na leina le le umakwang

mo mebileng.

18 Ba mo ntsha mo leseding,

ba mo kobela kwa lefifing;

ba mo leleka mo lefatsheng.

19 Ga a na ngwana,

le fa e le setlogolo

mo morafeng wa ga gabo;

ga a na lesalela

fa a neng a phela teng.

20 Ka ntlha ya letsatsi la tatlhego

ya gagwe go tla rerega

ba bophirimatsatsi,

le ba botlhabatsatsi

ba tshwarwa ke letshogo.

21 Ee, ke tsona tseo fela tse di

dirafalelang malapa a basenyi;

ke tsa ga gabo

yo o sa itseng Modimo.”