Jobe o a araba
1 Jobe a fetola a re:
2 “Lo tla ntlhokofatsa pelo
le go nthubaganya ka dipuo
sebaka se se kana kang?
3 Lo nkgobile
e setse e le la bosome,
lwa ntirela ka setlhogo
lo sa tlhajwe ke ditlhong.
4 Le fa ka gongwe ke fositse tota,
gona phoso ya me
e tla sala le nna.
5 Fa lo rata tota go ikgodisa
le go nnyatsa
le go supa molato
wa nyatsego ya me,
6 foo itseng gore ke siamololelwa
ke Modimo,
mme o ntharile ka letloa la ona.
7 Bonang, ke goa ke re:
‘Ke a gatelelwa!’
Mme ga ke utlwiwe;
ke lelela thuso,
mme tshiamo ga e teng.
8 Morenao thibile tsela ya me,
mme ke palelwa ke go feta;
le ditselana tsa me
o adile lefifi mo go tsona.
9 O nkapotse tlotlo ya me;
serwalo sa me sa bogosi
o se nkamogile.
10 O nthutlile gotlhegotlhe,
ke a tloga;
o kumotse tsholofelo ya me
jaaka setlhare.
11 Bogale jwa gagwe
o bo ntukisetsa,
o nkaya mmaba wa gagwe.
12 Mephato ya gagwe
ya tla mmogo,
e ikatela tsela ya go nkwela,
e ntikanyetsa ka go thibelela.
13 O nkatogantse thata
le bana ba ga rre;
ba ke ne ke tlwaelanye nabo,
ba ipaya ba ba sa nkitseng.
14 Ba losika lwa ga etsho
ba a ntshaba;
ba ba neng ba nkitse ba ntebetse.
15 Ba lelapa la me le malata a me
ba ntebile jaaka moeng;
ke o sele mo matlhong a bone.
16 Motlhanka wa me, fa ke mmitsa,
ga a arabe;
ke na le go mo kokotlela
ka molomo wa me.
17 Mowa wa me
o nkgela mosadi wa me;
bomorwa-rre ba re,
ke a nkga.
18 Le basimanyana ba a nnyatsa;
fa ke re ke a nanoga,
ba a ntshotla.
19 Ke maila mo go botlhe
ba ke neng ke ba ikanya;
bao ke ba ratileng
ba mphetogetse baba.
20 Marapo a me a ngaparetse
letlalo la me;
ke phologile fela
ka mahinini a meno a me.
21 Ntlhomogeleng pelo!
Ntlhomogeleng pelo!
Lona ditsala tsa me;
gonne seatla sa Modimo
se nkotlile.
22 Ke go reng,
fa lo ntlhorisa jaaka Modimo,
lo sa kgore tshenyego
ya nama ya me?
23 Ao! A go kwalwe tseo
tse ke di buileng!
A di kwalwe lokwalong!
24 A di gwaiwe mo lefikeng
ka sethadi sa tshipi
le ka llota gore di nnele ruri.
25 Mme nna ke a itse gore
Mogolodi wa me o a phela;
ke ene yo o nnelang ruri,
o tla ema mo godimo ga lorole.
26 Mme ke tla bona Modimo,
ke se na letlalo
le le sentsweng ke dilo tseo,
ke se na nama ya me.
27 Ona ke tla o bona
e le mothusi wa me,
matlho a me a tla o bona,
e seng o sele;
ke seo pelo ya me
e se tlhologeletsweng mo go nna.
28 Fa lo re, re tla mo latelela thata,
re bona molato wa dipogo
mo go ene,
29 gona lo boife tšhaka ka losi;
gonne letlhoo ke mongwe
wa melato
e e atlholelwang tšhaka
gore lo tle lo itse,
fa moatlhodi a le teng.”