JOBE 20

Go bua Sofare

1 Ga fetola Sofare wa Naama a re:

2 “Ke ka moo ke arabisiwang

ke dikakanyo tsa me;

ka lebaka leo maikutlo a me

a a mpotlakisa.

3 Ke utlwile kgalemelo

e e nkgopisang;

ke na le temogo

mo moweng wa me

e e nkarabisang.

4 A ga ke re, o itse tsa bogologolo,

tsa go tloga kgale,

fa go tlholwa batho mo fatsheng?

5 Tse di reng:

Moduduetso wa baikepi

o mokhutshwanyane fela;

boitumelo jwa ba ba pelompe

ke jwa sebakanyana fela.

6 Le fa boikgantsho jwa moikepi

bo ka tlhatlogela

kwa legodimong,

le fa tlhogo ya gagwe

e ka ama maru,

7 o tla nyelelela ruri

jaaka mantle a gagwe;

ba ba kileng ba mmona ba tla re:

‘O fa kae?’

8 O tla timela jaaka toro

a sa tlhole a ka bonwa;

o tla kobiwa

jaaka pono ya bosigo.

9 Leitlho le le kileng la mmona

ga le tlhole le mmona;

le felo ga gagwe

ga go tlhole go mmona.

10 Bana ba gagwe ba tshwanetse

go thabisa ba ba humanegileng;

diatla tsa bone di na le go busa

tse o di thukhuthileng.

11 Le fa marapo a gagwe a tletse

thata ya bokau jwa gagwe,

e tla lala nae loroleng.

12 Le fa bosula

bo mo natefetse leganong,

a bo fitlha

ka fa tlase ga loleme lwa gagwe;

13 le fa a bo boloka,

a sa rate go bo lesa

a bo tshotse

mo magalapeng a gagwe.

14 Dijo tsa gagwe di tla fetoga

di le mo maleng a gagwe;

e nna botlhole jwa mabolobolo

ka mo teng ga gagwe.

15 Dikhumo tseo o di meditseng

o tla di tlhatsa gape;

Modimo o tla di gelola

mo mpeng ya gagwe.

16 Botlhole jwa mabolobolo

o a bo anya;

loleme lwa noga lo a mmolaya.

17 Ga a nke a thaba

ka go bona dinokana

le dinoka tsa mafura a dinotshe

le tsa mašwi a a themileng.

18 Tse o di itiretseng

o a di ntsha gape,

a ise a di metse;

tse o di anantseng

ga di na go mo itumedisa.

19 Gonne o ne a gatelela ba ba

humanegileng, a ba latlha fela;

a gapa ntlo,

mme ga a kitla a e ntšhwafatsa.

20 E re ka a ne a sa khutle go eletsa

mo teng ga gagwe,

ga a kitla a phologa

ka dilo tse a di ratang.

21 E rile a thopa,

a bo a sa sadise sepe;

ke ka moo a sa boneng lesego

le le tlhomameng.

22 Le fa a na le letlotlo

le le tletseng,

o tla pitlaganngwa;

mabogo otlhe a babogisegi

a tla mo wela.

23 Morenao tla mo romela bogale

jo bo tukang jwa gagwe,

a bo mo nesetsa go nna dijo tsa

gagwe le go tlatsa mpa ya gagwe.

24 Fa a tshaba dibolai tsa tshipi,

o tla phololediwa

ka bora jwa kgotlho.

25 Fa a re ke a itlhomola,

motsu o tswa

mo motlhaneng wa gagwe

le tshipi e e phatsimang

mo santlhokweng wa gagwe.

O ya kwa losong,

a wetswe ke matshogo.

26 Lefifi tota le baakanyeditswe

mahumo a gagwe;

molelo o o sa godiweng

ke motho

o tla mo nyeletsa,

o feleletsa masalela

a a mo lapeng la gagwe.

27 Legodimo le tla senola

molato wa gagwe

le lefatshe le mo tsogela.

28 Mahumo a a mo ntlong

ya gagwe

a tla thopiwa;

a gogolwa ka letsatsi

la bogale jwa ona.

29 Ke yona kabelo ya motho

wa moikepi

e e tswang mo Modimong;

ke jona boswa

jo o bo neetsweng ke Modimo.”