JOBE 21

Jobe o a araba

1 Jobe a fetola a re:

2 “Utlwang lo reetse

se ke se bolelang!

A go re jalo

e nne dikgomotso tsa lona!

3 Ntumeleleng, le nna ke bue.

Fa ke sena go bua, o ka sotla.

4 A nna ke lebisa selelo sa me

mo bathong?

Gongwe ke ka ntlha ya eng,

fa ke sa tshwanela go fela pelo?

5 Ntebeng lo rerege!

Bayang diatla melomong.

6 Fa ke gopola tseo, ke a tshoga;

mmele wa me o a sisimoga.

7 Ke ka ntlha ya eng,

fa baikepi ba ka phela,

ba be ba tsofala

le go tia nonofong?

8 Ba bona bana ba bone,

ba tiile ba na nabo

mmogo le bana ba bana.

9 Matlo a bone a mo kagisong,

ga go na se se ba tshosang;

thupa ya Modimo ga e ba otle.

10 Poo ya gagwe e a gwela,

ga e fose;

kgomo ya gagwe e a tsala,

ga e folotse.

11 Ba ntshetsa basimane ba bone

kwa ntle jaaka dinku;

bana ba bone ba a tlolaka.

12 Ba opelela moropana

le mangope;

ba itumelela go lela ga ditlhaka.

13 Ba phela monate

ka malatsi aotlhe;

ba fologela mo felong ga baswi

ba le kagisong.

14 Mme kana ba reile Modimo

ba re:

‘Tloga mo go rona!

Ga re kgatlhwe

ke go itse ditsela tsa gago.’

15 Ba re: ‘Mong-wa-thata-yotlhe

ke eng, fa go twe, re mo direle?

Go ka re thusa eng,

fa re mo rapela?’

16 Bonang, tlhogonolo ya bone

a ga e mo diatleng tsa bone?

Kakanyo ya baikepi

e kgakala le ona Modimo.

17 A ga ke re, lobone lwa baikepi

ga lo atise go tima

le tatlhego ga e ba wele gantsi?

Ga ke re,

Modimo ga o tsotelele go ba abela

dikotlo ka bogale jwa ona?

18 Ke ga kae ba tleng ba tshwane

le dirite mo phefong,

ba be ba tshwane le moko

o o tsewang ke ledimo?

19 Lona lo a re:

‘Modimo o bolokela

bana ba moikepi

tatlhego ya gagwe!’

Nnyaya! A o otle ene ka fa go mo

lebanyeng gore a utlwe botlhoko!

20 A moikepi a bone

tatlhego ya gagwe ka matlho!

A a nwe bogale

jwa Mong-wa-thata-yotlhe!

21 Gonne ke eng sa lapa la gagwe

se se ka mo tshwenyang,

fa a sena go swa,

fa palo ya dikgwedi tsa gagwe

e sena go fela?

22 A motho o ka ruta Modimo

kitso,

ona o o sekisang

ba ba kwa godimo?

23 Mongwe o swa

a ntse a le tlhogonolo tota,

a na le kagiso fa gotlhe

a sa tshwenyegele sepe.

24 Dikgamelo tsa gagwe

di tletse lebese;

marapo a gagwe a tiile moko.

25 Mme yo mongwe a swe

a le pelo-e-botlhoko,

a ise a je tsa letlhogonolo.

26 Ba robale mmogo leroleng,

mme diboko di ba khurumetse.

27 Bonang,

ke itse dikakanyo tsa lona

le maano a lo a ntogelang,

a lo nteofelang ka ona.

28 Fa lo re: ‘Lelapa la morena

yo o ikgantshang le kae?

Ntlo e kae e baikepi

ba neng ba nna mo go yona?’

29 A ga lo a botsa bafeti ba tsela?

Kana dikao tsa bone

ga lo di ganetse!

30 Ba re: ‘Yo o bosula

o rekegelwa

ka letsatsi la tatlhego;

o phologa ka letsatsi la bogale.’

31 Ke mang yo o kgalemelang

tsamao ya gagwe

a lebaganye nae?

Ke mang yo o mo otlhaelang

tse a di dirileng?

32 Le gona o isiwa mabitleng,

mme phupu ya gagwe

ba a e disa.

33 Makwete a lebitla

a monate mo go ene;

batho botlhe ba mo sala morago,

le ba ba mo eteletseng pele

ga ba na palo.

34 Jaanong lo ka nkgomotsa jang

ka dilo tsa lefela?

Mo dikarabong tsa lona

go setse bolotsana fela.”