JOBE 22

Puisanyo ya boraro

Go bua Elifase

1 Ga fetola Elifase wa Themane a re:

2 “A monna o ka thusa Modimo?

Nnyaya,

letlhale sa lone ke go itirela fela.

3 A o a re o kgatlha

Mong-wa-thata-yotlhe,

fa o le yo o siameng?

A o a re o a mo thusa,

fa o siamisa tsamao ya gago?

4 A o a re ke ka ntlha ya

poifo-Modimo ya gago,

fa a go otla, a go sekisa?

5 A ga ke re, bosula jwa gago

ke jwa mefutafuta?

Le gona melato ya gago

ga e na fa e felelang teng!

6 O tsere dipeeletso mo go

morwa-rraago, a se na molato;

wa apola diaparo

tsa ba ba tlhokang.

7 Yo o nyorilweng

ga o a mo nosa metsi;

yo o tshwerweng ke tlala

o mo timile dijo.

8 O a re: Naga ke ya monna

yo o bogale!

Motlotlegi o nna mo go yona!

9 Batlholagadi o ba buseditse

kwa morago ba iphotlhere fela;

wa pšhwetla masiela mabogo.

10 Ke ka moo o dikanyeditsweng

ke diru

le therego e go tshosa

ka tshoganyetso.

11 A kampo ga o bone lefifi

le morwalela wa metsi

a a go khurumetsang?

12 Modimo a ga o kwa godimo?

Bona dinaledi

tse di kwa godimodimo,

di kwa godimo jang!

13 Mme wena o a re:

‘Modimo o itse eng?

A o ka atlhola o le kwa morago

ga bontsho jwa maru?’

14 O a re: ‘Maru a o thibile matlho,

ga o bone!

O itsamaela mo tikologong

ya legodimo!’

15 A o rata go tsaya tsela

ya bogologolo e baikepi

ba tsamaileng ka yona

16 ba ba neng ba tlosiwa

pele ga sebaka,

ba tsewa ke morwalela wa metsi?

17 Ke ba ba reileng Modimo ba re:

‘Tloga mo go rona!’

Gape ba re:

‘Mong-wa-thata-yotlhe

o ka re direlang?’

18 Mme e ne e le ene yo o

tladitseng

matlo a bone tse di molemo!

– Kakanyo ya baikepi

e kgakala le nna! –

19 Basiami ba a bona, ba a itumela;

ba ba se nang molato

ba a ba sotla ba re:

20 ‘Ruri, ba ba neng ba re tlhoile

ba nyeleditswe;

le tse ba di tlogetseng

di fisitswe ka molelo.’

21 A ko o ithuse ka go tsalana nao,

o nne kagisong;

tlhogonolo e tla go tlela

ka go dira jalo.

22 A ko o amogele thuto

e e tswang

mo molomong wa ona;

o bee mafoko a ona

mo pelong ya gago!

23 Fa o boela kwa go

Mong-wa-thata-yotlhe,

fa o ikokobetsa o tlosa

tshiamololo

mo lapeng la gago;

24 fa o latlhela gouta ya gago

leroleng le gouta ya Ofire

kwa mafikeng a melapo

25 foo Mong-wa-thata-yotlhe

o tla nna gouta ya gago

le selefera e e phatsimang

mo go wena;

26 ee, foo o tla itumelela

Mong-wa-thata-yotlhe,

o tsholeletsa Modimo sefatlhego.

27 O tla rapela Modimo,

o tla go utlwa;

o tla dirafatsa maikano a gago.

28 Fa o ikaelela sengwe,

o tla se kgona;

lesedi le tla phatsimela

ditsela tsa gago.

29 Fa di ya kwa tlase, o tla re:

‘A ke tlhatloge!’

Modimo o tla thusa

yo o ikokobetsang.

30 Ee, le yo o molato,

o tla mo pholosa;

a pholosiwa ka bophepa

jwa diatla tsa gago.”