JOBE 23

Jobe o a araba

1 Ke fa Jobe a fetola a re:

2 “Le kajeno selelo sa me

se a lo ganetsa;

seatla sa ona se a nkimela,

ke be ke fegelwe.

3 Ao! Nka bo ke itse

kwa nka o fitlhelang teng,

gore ke eme

fa pele ga sedulo sa ona!

4 Nka bo ke phutholola mafoko

a a siameng fa pele ga ona;

ke tlatsa molomo wa me

maitlhatso.

5 Ke ne ke tla itse mafoko

a o mphetolang ka ona

le go tlhaloganya

tse o di buang le nna.

6 A o ka bo o seka le nna

ka thata e kgolo?

Nnyaya! O ka bo o utlwana le nna.

7 Gona monna wa nnete

o ka bo a seka nao,

mme ke ne ke tla gololwa

mo go Moatlhodi wa me

ka bosakhutleng.

8 Bonang, fa ke ya

kwa botlhabatsatsi,

ga a teng;

le kwa bophirimatsatsi

ga ke mmone.

9 Fa a le mo tirong kwa bokone,

ga ke mo fitlhele;

fa a fapogela kwa borwa,

ga ke mo lemoge.

10 Gonne Modimo

o itse tsamao ya me;

fa o ka nteka,

ke tla tswa jaaka gouta.

11 Lonao lwa me lo ntse lo gatile

mo motlhaleng wa ona;

ke ntse ke tshwere tsela ya ona,

ke sa e fapoge.

12 Ga ke a tlogela taolo

ya molomo wa ona;

mafoko a molomo wa ona

ke a bolokile

bogolo go maikaelelo a me.

13 Mme ona ga o fetoge;

ke mang yo o ka o thibelang?

Se pelo ya ona e se ratang

o a se dira!

14 Gonne o tla dirafatsa

se o se mpeetseng.

Dilo tse di ntseng jalo

di dintsi mo go ona.

15 Ke ka moo ke tshogileng

fa pele ga ona;

fa ke di akanya, ke a o boifa.

16 Modimo o nkoafaditse pelo;

Mong-wa-thata-yotlhe

o ntshositse.

17 Gonne ga se lefifi

le le mpolayang,

le fa bontsho

bo mpipile sefatlhego.