1 “Ke ka ntlha ya eng,
fa Mong-wa-thata-yotlhe
a itse dipaka tsa go otla,
mme ba ba mo itseng
ba sa bone malatsi a gagwe
a tshekiso?
2 Ba ba bosula
ba sutisa melelwane,
ba utswa letsomane
ba a le fudisa.
3 Esele ya masiela ba a e gapa,
kgomo ya motlholagadi
ba e tsaya go nna peeletso.
4 Ba leleka bahumanegi
mo tseleng;
ba ba tshwereng bothata
mo lefatsheng
ba phela ka go iphitlha.
5 Ke bao, ba tswela kwa tirong
ya bone jaaka diesele tsa nageng,
ba ya go sela tse di jewang
mo nageng, ba batlela bana dijo.
6 Ba kotula mabele a gagwe
mo tshimong;
ba ronopa tshimo ya moweine
ya moikepi.
7 Ba lala ba sa ikatega
ba se na diaparo;
le gona ga ba na kobo,
le fa go le maruru.
8 Ba koloba ka dipula tsa dithaba,
mme ka ba se na botshabelo,
ba ipatika fa thoko ga mafika.
9 Ba kgomodisa lesiela
letsele la mmaalo;
ba tsaya lesea la mmogisegi
go nna peeletso.
10 Babogisegi bao ba tsamaya
ba sa ikatega ba se na diaparo;
ba na le go rwala dingata
ba ntse ba tshwerwe ke tlala.
11 Ba tlhotlha lookwane
mo gare ga dithako
tsa bone ba ba bosula bao;
ba gata segatelo sa weine
ba ntse ba nyorilwe.
12 Go fegelwa ga ba ba swang
go utlwala mo motseng;
ba ba phololeditsweng
ba goela thuso!
Mme Modimo
ga o tlhokomele tshiamololo.
13 Bone ba ba bosula
bao ba tshaba lesedi;
ga ba itse ditsela tsa lone;
ga ba phele mo ditselaneng
tsa lone.
14 Mmolai o tsoga pele ga masa,
o bolaya mmogisegi
le mohumanegi,
mme o tshwana le legodu bosigo.
15 Leitlho la mosenya-nyalo
le letela lotlatlana, a re:
‘Ga go na leitlho
le le tla mponang;’
a ipipe sefatlhego ka lesela.
16 Legodu le thuba matlo mo fifing
le tsene;
motshegare ba a itswalela.
Lesedi ga ba le tlhaloganye.
17 Gonne botlhe bao
lefifi le lentsho ba le kaya moso;
gonne ba tlwaetse dipoitshego
tsa lefifi le le kwenneng.
18 A moikepi a fele ka pele
jaaka selo fa se tsewa ke metsi!
A tshimo ya gagwe
e rogakwe mo lefatsheng!
A a se ka a tlhola a ya
kwa masimong a moweine!
19 A komelelo le bolelo
di tlose metsi a semathana!
A felo ga baswi
go metse ba ba leofileng.
20 A mmaagwe moikepi
a mo lebale!
A a natefele diboko!
A a se ka a tlhola
a gopolwa ke ope!
A tshiamololo e robiwe
jaaka logong!
21 Ke raya yo o neng a direla
mosadi wa moopa bosula,
a sa direle motlholagadi molemo.
22 Mme Modimo o naya beng
ba thata bophelo jo boleele
ka thata ya ona;
le yo o neng a tlhobogile bophelo
jwa gagwe o tsoga gape.
23 Modimo o mo neela thagamo,
a ba a ikaege ka yona;
mme matlho a ona a tlhokomela
ditsela tsa beng ba thata.
24 Ba gola ba tumile,
ba tlhokafala ka sebakanyana;
ba namalala, ba swa jaaka botlhe,
jaaka diako di kgaolwa.
25 A ga go a nna jalo?
Ke mang yo o ka reng,
ke buile maaka?
Ke mang yo o ka nyatsang
mafoko a me a re, ga se a sepe?”