Go bua Biletate
1 Ga fetola Biletate wa Sua a re:
2 “Puso le theregiso
ke tsa ona o o dirang kagiso
mo mafelong
a a kwa godimodimo a ona.
3 A masomo a ona a ka balwa?
Ke mang yo lesedi la ona
le sa mo tlhabeleng?
4 Motho o ka nna jang mosiami
fa pele ga Modimo?
Yo o tsetsweng ke mosadi
o ka nna phepa jang?
5 Bonang, le fa e le ngwedi
ga o phatsime
le dinaledi ga di a itsheka
mo matlhong a ona!
6 Jaanong fa e le motho
yo e leng seboko fela
le morwa motho
yo e leng sebokwana fela –
ene o tlhaela jang
mo tshiamong?”