Jobe o a fetola
1 Ke fa Jobe a fetola a re:
2 “Yo o tlhokang thata,
o mo thusitse jang ne!
Letsogo le le sa tiang,
o le namoletse pila jang!
3 Yo o se nang botlhale,
ruri o mo gakolotse!
Kana o ntshitse
tse di tlhalefisang di le dintsi!
4 Mafoko a gago
o a boleletse mang?
Ke mowa wa ga mang
o ò neng ò bua ka ona?
5 Baswi ba roroma
kwa tlase ga metsi
le tse di agileng mo go ona.
6 Felo ga baswi
ga go a bipega fa pele ga ona;
molete wa tatlhego
ga o na sekhurumelo.
7 Ona o tsharolola bokone
godimo ga lolea;
o lepeletsa lefatshe
mo go se nang sepe.
8 O phuthela metsi
mo marung a ona,
mme ga go leru lepe
le le phanngwang ke metsi.
9 Ponalo ya sedulo sa ona
sa bogosi o a e sira,
o ala leru la ona mo go yona.
10 O rala molelwane
mo godimo ga metsi
go fitlha kwa mafelelong a lesedi
fa le amanang le lefifi teng.
11 Maotwana a legodimo
a a reketla,
a ba rerege ka kgalemelo ya ona.
12 O hudua lewatle ka thata ya ona;
o remaganya kgogela
ka tlhaloganyo ya ona.
13 Go sedifetse kwa legodimong
ka phefo ya ona;
seatla sa ona se phololetsa noga
e e lobelo.
14 Bonang, tseo ke makhutlo
a ditsela tsa ona fela.
Tse re di utlwang ka ga ona
ke tsa go sebasebelwa fela,
mme modumo wa thata ya ona
ke mang
yo o ka o tlhaloganyang?”