Go bua Jobe
1 Jobe a tswelela pele, a ntsha diane tsa gagwe a re:
2 “Ka bophelo jwa Modimo
o o nkamogileng
tshwanelo ya me!
Le ka Mong-wa-thata-yotlhe
yo o njesitseng tse di galakang!
3 Ruri, fa bophelo jwa me bo sa
ntse bo itekanetse mo go nna,
fa mowa wa Modimo
o le mo dinkong tsa me
4 molomo wa me ga o kitla o bua
tsa tshiamololo;
loleme lwa me ga
lo kitla lo bolela tsa tsietso.
5 A go nne kgakala le nna
go ka dumela
gore lona lo mo nneteng;
ke tla swa
ke ise ke ipone molato.
6 Ke itshwarelela mo tshiamong
ya me, ga nkitla ke e lesa;
pelo ya me ga e nkgalemele
ka letsatsi lepe la me.
7 Mmaba wa me o tshwanetse
go nna jaaka moikepi;
yo o ntsogelang o tshwanetse
go nna jaaka mosiamolodi.
8 Gonne moikepi o solofela eng,
fa Modimo o kgaola le go tlosa
mowa wa gagwe?
9 A Modimo o tla utlwa
go goa ga gagwe,
fa tlalelo e mo wela?
10 A ene o ka itumelela
Mong-wa-thata-yotlhe?
A o ka tlhaeletsa Modimo
ka metlha yotlhe?
11 Ke tla lo ruta
ka ga letsogo la Modimo;
tse di mo go Mong-wa-thata-yotlhe
ga nkitla ke di loba.
12 Bonang,
lona lotlhe lo di bonye ka nosi.
Jaanong ke eng fa lo bua dipuo
tsa boithamako fela?
13 Kabelo ya motho
wa moikepi mo Modimong ke e;
boswa jwa morena yo o pelompe
jo o tla bo amogelang mo go
Mong-wa-thata-yotlhe ke bo:
14 Fa bana ba gagwe ba ata,
ba atela tšhaka fela
bana ba bana ba gagwe
ga ba kitla ba kgora bogobe.
15 Masalela a gagwe
a tla fitlhwa ke leroborobo;
batlholagadi ba motse wa gagwe
ga ba kitla ba a lelela.
16 Le fa a kgobokanya selefera
jaaka lerole,
a itshegela diaparo tse dintsi
jaaka motlhaba,
17 o tla di itshegela,
mme di tla aparwa ke mosiami;
yo o se nang molato
o tla abelwa selefera.
18 O agile ntlo ya gagwe
jaaka segokgo
le jaaka mokgoro
o o dirwang ke modisa.
19 O ya go robala a humile,
mme a se ke a boelele gape:
E re a budulola matlho,
a fitlhele a se na sepe.
20 Ditherego di mo wela
jaaka morwalela;
ledimo le mo tsaya bosigo.
21 Phefo ya botlhabatsatsi
e mo kuke, a tloge;
e mo gogole mo felong ga gagwe.
22 Modimo o mo konopa
o sa rekegele;
o ntse a tshaba seatla sa ona.
23 Batho ba tla mo opela diatla;
ba mo leletsa molodi,
fa a tswa mo felong ga gagwe.