JOBE 28

Ka ga botlhale jo bo sa bonweng ke motho

1 “Kana go na le felo

kwa selefera e bonwang teng;

gouta e na le felo

fa e tlhatswiwang gona.

2 Tshipi e ntshiwa mo mmung;

kgotlho e gakolosiwa

e tswa mo mafikeng.

3 Batho ba fedisa lefifi,

mo ntlheng tsotlhe

ba fukutsa mafika

a a mo bontshong

le mo lefifing le legolo.

4 Ba epa moepo, ba tloga mo go

ba ba agileng mo lefatsheng;

ba lebalwa ba le kgakala

le kwa dinao di gatang teng,

ba lepeletse

ba le kgakala le batho,

ba akgaakgegela kwa le kwa.

5 Lefatshe le dijo

di tswang mo go lone

ka kwa tlase ga lone

go epololwa ka molelo.

6 Matlapa a lone

ke lone legae la safire;

le dithole tsa gouta

di teng gona moo.

7 Lenong ga le itse tselana ya teng;

leitlho la segodi ga le a e bona.

8 Dibata tse di kokorogang

ga di ise di e gate;

le tau ga e ise e tsamae

mo go yona.

9 Mme motho o isa seatla

kwa mafikeng a legakwa;

a epolola dithaba ka kwa meding.

10 O phunya ditsela

mo teng ga mafika;

leitlho la gagwe le bona tse

di tlhwatlhwa e kgolo

tsa mefutafuta.

11 O thiba dikelelo tsa metsi kwa

tlase gore di se ka tsa rotha;

tse di fitlhegileng o di ntshetsa

kwa leseding.

12 Mme botlhale jona

bo bonwa kae?

Felo ga tlhaloganyo ke kwa kae?

13 Motho ga a itse

tlhwatlhwa ya jona;

ga bo bonwe mo lefatsheng

la ba ba phelang.

14 Bodiba bo a re:

‘Ga bo yo mo go nna!’

Lewatle le a re:

‘Ga ke na najo!’

15 Ga bo rekwe ka gouta

e e itshekileng;

ga bo lekanyediwe selefera

go nna tlhwatlhwa ya jona.

16 Gouta ya Ofire

le yona ga e bo lekane,

le fa e le šohamae e tlhwatlhwa

e kgolo gongwe safire.

17 Gouta le galase

ga di tshwane najo;

ga bo ananngwe ka dijana

tsa gouta.

18 Dikoralale legakwa

ga di umakiwe;

go nna botlhale

go gaisa ditalama.

19 Le topaseya Ethiopia

ga e tshwane najo;

gouta e ntlentle ga e bo lekane.

20 Jaanong ge,

bo tswa kae botlhale?

Tlhaloganyo e agile kae?

21 Bo fitlhegetse matlho

a tsotlhe tse di phelang;

le dinonyane tsa loapi

bo di subegetse.

22 Felo ga tatlhego le loso tsa re:

‘Re utlwile magatwe a jona

fela ka ditsebe tsa rona.’

23 Tsela e e yang kwa go jona

Modimo o e lemogile;

ona o itse felo ga jona.

24 Gonne o bona go fitlha

kwa dikhutlong tsa lefatshe;

o leba tsotlhe

tse di fa tlase ga legodimo.

25 E rile o direla phefo thata,

o lekanya metsi ka seelo;

26 ya re o baya molao wa pula,

o direla logadima tsela:

27 wa bo bona, wa bo rulaganya,

wa bo emisa, wa bo tlhotlhomisa.

28 Mme wa raya motho wa re:

‘Bona, go boifa Morena

ke botlhale

le go tlogela bosula

ke tlhaloganyo.’ ”