JOBE 29

Polelo ya bofelo ya ga Jobe

1 Jobe a tswelela pele, a ntsha diane tsa gagwe a re:

2 “Ao! E kete nka bo ke ntse

jaaka mo kgweding tsa pele!

Jaaka ka malatsi ale

fa Modimo o ne o ntse o ntisitse!

3 Fa lobone lwa ona lo okame

tlhogo ya me;

ka ralala lefifi ke le mo leseding

la ona.

4 Nka bo ke ntse jaaka ke ne ke le

mo malatsing a nonofo ya me;

fa tsalano ya Modimo

e okame lapa la me

5 fa Mong-wa-thata-yotlhe a sa

ntse a na le nna

fa bana ba me

ba ne ba ntikanyeditse

6 fa dinao tsa me

ke di tshasa ka lobebe,

fa lekgwarana le ntswelela

dinokana tsa lookwane.

7 E ne ya re fa ke tswela

kwa kgorong ya motse,

ke baakanya senno sa me

mo dipatlelong,

8 basimane ba iphitlhe,

fa ba mpona;

banna ba bagolo ba nanoge

ba eme ka dinao,

9 dikgosana di khutle go bua,

di itshware melomo;

10 mantswe a ba ba tlotlegang

a didimale,

diteme tsa bone

di kgomarele magalapa.

11 Ya re fa tsebe e nkutlwa,

e ntshegofatse;

e re fa leitlho le mpona,

le supe ka ga me,

12 fa ke ne ke pholosa mmogisegi

yo o goelang dithuso

le lesiela

le yo o se nang mothusi.

13 Ka bona tshegofatso

ka yo o latlhegileng

ka thabisa pelo ya motlholagadi.

14 Ka apara tshiamo;

tiro tse di siameng tsa me tsa

nkapesa jaaka kobo le serwalo.

15 Ke ne ke le matlho a sefofu

le maoto a segole.

16 Ke ne ke le rra-bahumanegi;

ka lotolotsa kgang ya tsheko

ya yo ke sa mo itseng.

17 Mosiamolodi ka mo roba

metlhagare;

ka phamola thopo

mo menong a gagwe.

18 Ka re:

‘Ke tla swa le sentlhaga sa me,

ke ntsifatsa malatsi

jaaka motlhaba.’

19 Ka re: ‘Modi wa me

o nametse kwa metsing;

go lala monyo

mo dikaleng tsa me.’

20 Ka re: ‘Tlotlo ya me

e ntse e le e ntšhwa mo go nna;

bora jwa me

bo ntšhwafala mo seatleng sa me.’

21 Ba ne ba tle ba ntheetse

ba ntebelele;

kgakololo ba e utlwe

ka go didimala.

22 Ya re fa ke sena go bua,

ba se ke ba bue;

mafoko a me a ne a rothegela

mo go bone.

23 Ba ne ba tle ba ntebelele

jaaka go lebelelwa pula;

ba bule melomo jaaka e kete

ba kgalegetse tlhakola-modula.

24 Ke ne ke tle ke tshege nabo

ka tsalano, fa ba solofologile;

ba ne ba sa itse go fifatsa lesedi

la sefatlhego sa me.

25 Ka itumela go ya kwa go bone,

ka nna nabo ke le tlhogo,

ka dula jaaka kgosi

mo gare ga batlhabani,

ke le yo o gomotsang

ba ba pelo-di-botlhoko.