JOBE 3

Ngongorego ya ga Jobe

1 Morago ga moo Jobe a tswa molomo, a rogaka letsatsi la botsalo jwa gagwe.

2 Jobe a simolola go bua a re:

3 “A letsatsi le nyelele

le ke tsetsweng ka lone

le bosigo jo go tilweng

go ithwelwe ngwana

wa mosimane!

4 A letsatsi leo le nne lefifi!

Modimo o o kwa godimo

a o se le tlhokomele!

A le se ka la phatsimelwa

ke lesedi!

5 A lefifi le moriti-wa-loso

di le gape!

A maru a mantsho

a nne godimo ga lone!

A phifalo ya motshegare

e le tshose!

6 Bosigo joo a lefifi le bo tlose!

A bo se tlhomagane le malatsi

mo ngwageng!

A bo se ka jwa tsena

mo malatsing a kgwedi!

7 Ee, bosigo joo

a e nne jwa boopa!

A go se nne tuduetso

mo go jona!

8 Ba ba rogakang letsatsi,

a ba bo rogake,

bone ba ba itseng go

tlhotlheletsa kgwanyape!

9 A go fifale dinaledi

tsa lotlatlana lwa jona!

A bo letele lesedi,

mme le se nne teng!

A bo se ka jwa itumelela

dintshi tsa mahube!

10 Ka gonne ga bo a ka jwa

ntswalela

kgoro ya sebopelo sa ga mme;

ga bo a ka jwa subela matlho

a me tapisego.

11 Ke ne ke sa sweleng mo

botsalong?

Ke ne ke sa tlhokafaleleng,

fa ke sena go tsalwa?

12 Ke ka ntlha ya eng

fa ba mphara mangoleng,

fa ba nkisa mabeleng,

ba re ke anye?

13 Gonne foo nka bo ke rapama

jaanong, ke iketlile;

foo nka bo ke robala,

ke na le boikhutso.

14 Foo nka bo ke na le dikgosi

tsa lefatshe

le banna ba lekgotla,

ba ba tsositseng marope.

15 Gongwe nka bo

ke na le dikgosana

tse di neng di tshotse gouta,

tse di neng di tladitse matlo

a tsona selefera.

16 Gongwe nka bo ke se gona

jaaka phetela e e fitlhilweng

le jaaka bana ba ba sa boneng

lesedi.

17 Gona kwa baikepi ba khutla

go tsosa modumo,

teng kwa go ikhutsa

ba ba feletsweng ke thata.

18 Bagolegwi ba ikhutsa mmogo

gona;

lentswe la mogateledi

ga ba le utlwe.

19 Ba bannye le ba bagolo

ba gona, ba a tshwana;

motlhanka o gololesegile

mo moreneng wa gagwe.

20 Ke eng fa Modimo o naya

mmogisegi lesedi,

fa o naya ba ba nyemileng

moko bophelo?

21 Ke ba ba letang loso,

mme ga ba lo bone;

ba lo epa bogolo go dikhumo.

22 Ke ba ba ka bong ba itumela,

ba duduetsa, ba thaba,

fa ba ka bona lebitla.

23 Ke eng fa Modimo o naya

monna bophelo,

yo tsela ya gagwe

e fitlhegileng,

yo Modimo o mo thibeletseng

phalolo mo ntlheng tsotlhe?

24 Gonne ke tlelwa ke diphegelo

boemong jwa dijo tsa me;

go goa ga me go tswa jaaka

metsi a elela.

25 Fa ke boifa selo se a ntlela;

se ke se tshogileng

se a nkwela.

26 Ga ke na kagiso,

ga ke na boiketlo,

ga ke na boikhutso;

go tla matshwenyego fela.”