JOBE 30

1 “Mme kajeno ke tshegwa ke ba

e leng ba bašwa mo go nna;

bao borraabo ke neng ke nyatsa

go ba kopanya le dintšwa

tsa letsomane la me.

2 Le gona thata ya diatla tsa bone

e ne e ka nthusa eng,

ka ba ne ba senyegetswe

ke thata ya bonna jwa bona?

3 Ba fedisitswe ka go tlhoka

le ka tlala;

maabane ba ne ba phura mo

nageng e e omeletseng ya sekaka.

4 Ba tle ba kgetle morogo

o o letswai mo ditlhatshaneng;

modi wa motlopi

ke dijo tsa bone.

5 Ba lelekwe mo gare ga batho,

ba tlhabelwe mokgosi

jaaka legodu.

6 Ba na le go nna mo

megorogorong e e boitshegang

le mo meoleng ya lefatshe

le mo dikgageng.

7 Ba kue ba le mo gare

ga ditlhatshana,

ba kgobokane fa tlase ga bogopa.

8 Ke losika lwa masilo

a a nyatsegang

a a kobilweng mo lefatsheng

ka seme.

9 Mme kajeno

ke sotlwa ke bone bao,

ba opela ka nna,

ba buabua ka nna.

10 Ba katogana le nna,

ke maila mo go bone;

ga ba tshabe go nkgwela mathe

mo sefatlhegong.

11 Gonne Modimo o repisitse

mosifa wa me wa nkokobetsa;

ka moo ba itshola bobe

fa pele ga me.

12 Banyatsegi ba ntsogela

mo ntlheng ya le le jang,

ba nkgopisa maoto,

ba kata ditsela tsa bone

tsa go tla kwa go nna

le go ntshenya.

13 Ba sentse tsela ya me,

ba thusa go ntiga.

Ga ba thibelwe ke ope.

14 Ba tsena jaaka baba ka phatlha

e e atlhameng ya lorako,

ba bidikamela pele

mo gare ga marope.

15 Ditherego di nkwetse,

di lelekile tlotlo ya me

jaaka phefo;

letlhogonolo la me

le nyeletse jaaka leru.

16 Jaanong ke nnetse go lela;

malatsi a pogisego a ntshwere.

17 Ke fetlhwa marapo otlhe bosigo;

matlhoko a a jang mo go nna

ga a didimale.

18 Seaparo sa me se fetogile

ka thata e kgolo ya matlhoko;

se a mpeta

jaaka thamo ya hempe ya me.

19 Modimo o ntatlhetse

mo seretseng;

ke tshwana le lerole le molora.

20 Ke goela thuso kwa go wena,

mme ga o nkutlwe;

ke eme fa pele ga gago,

mme ga o nkele tlhoko.

21 O mphetogetse yo o setlhogo,

o lwa le nna

ka thata ya diatla tsa gago.

22 O ntsholeletsa mo phefong,

o e mpalamisa,

o ntheekedisa

mo modumong wa yona.

23 Ee, ke a itse gore o nkisa losong

kwa ntlong ele

kwa go tla kgobokanang

botlhe ba ba phelang.

24 Fela fa ntlo e wela motho,

a ga a kitla a ntsha letsogo?

Gongwe fa a latlhega,

a ga a kitla a goela thuso?

25 Kampo a ga ke a lelela

yo o bonyeng

malatsi a a makete?

A ga ke a utlwela bahumanegi

botlhoko?

26 Gonne ke ne ke solofetse

tse di molemo,

ga tla tse di bosula;

ke ne ke lebeletse lesedi,

ga tla lefifi.

27 Ka mo teng ga me go a bela,

ga go khutle;

malatsi a tlalelo

a tlile mo go nna.

28 Ke sepela ke hutsafetse,

ke se na lesedi;

ke nanoga mo phuthegong

ke goela thuso.

29 Ke fetogile morwa-rraatso-diphokojwe

le selekane sa bontšhwe.

30 Letlalo la me le tloga mo go nna

le ntshofetse;

marapo a me a fisiwa ke mogote.

31 Sefela sa me

se fetogile khutsafalo;

melodi ya lotlhaka lwa me

e fetogile selelo sa ba ba lelang.