1 “Matlho a me
ke ne ke utlwanye nao
gore a se ka a leba lekgarebe.
2 Fa nka bo ke dirile jalo,
kabelo ya Modimo
e e tswang kwa godimo
e ka bo e le efe?
Boswa jwa Mong-wa-thata-yotlhe
jo bo tswang legodimong
e ka nna bofe?
3 A ga se tatlhego ya mosiamolodi
le go tlhoka tlhogonolo
ga baleofi?
4 A ga se ene
yo o bonang ditsela tsa me,
yo o balang dikgato tsa me
tsotlhe?
5 Fa ke dirile ka bolotsana,
fa dinao tsa me
di akofetse go tsietsa
6 foo a Modimo o ntekanye
mo selekanyetsong se se siameng
gore o itse bosenamolato jwa me!
7 Fa dikgato tsa me
di fapogile mo tseleng,
fa pelo ya me e setse
keletso ya matlho a me morago,
fa sebala se kgomaretse
diatla tsa me,
8 foo a ke jwale,
mme go je yo mongwe;
tse di ntlhogelang mo tshimong
a di kumowe!
9 Fa pelo ya me e raelesegile
ka mosadi,
fa ke laletse mojako
wa mongwe-ka-nna,
10 foo a mosadi wa me
a silele monna yo mongwe!
A ba bangwe ba nne nae!
11 Gonne go dira jalo
ke tshenyo e e nyatsegang;
ke molato o o tshwanetseng
petso ya baatlhodi.
12 Ee, ke molelo o o nyeletsang
go fitlha kwa felong ga tatlhego
o o fisang mahumo a me otlhe.
13 Fa ke nyaditse tshiamelo
ya motlhanka wa me
le ya lelata la me
mogang ba sekang le nna,
14 foo ke tla dira eng,
fa Modimo o ka tsoga?
Nka fetola ka reng, fa o nkotla?
15 A ga ke re,
yo o ntirileng mo popelong,
le ene o mo dirile?
A ga se Modimo o le mongwe
fela o o re bopileng
ka bobedi jwa rona?
16 Fa ke ganne ka se se kopiwang
ke ba babotlana,
fa ke swabisitse matlho
a motlholagadi,
17 gongwe fa ke jele thathana ya me
ke le nosi,
mme ke se ka ka nathela lesiela –
18 kana go tloga bonyaneng jwa me
le goletse mo go nna ke le rraalo;
go tloga botsalong ke ne ke le
mogogi wa motlholagadi!
19 Fa ke bonye motho a latlhega
ka go tlhoka diaparo
le mohumanegi
yo o se nang kobo;
20 fa dirope tsa gagwe
di sa nteboga,
fa a sa ikomosa ka boboa
jwa dinku tsa me
21 fa ke tsholeleditse lesiela letsogo
go le otla,
ka ke bona ba ba nkemelang
kwa lekgotleng;
22 foo a legetla la me le kgaoge
mo thamong!
A letsogo la me le robege
le tlosiwe mo mmeleng!
23 Gonne go boifa Modimo
go ne go nthibela;
ke ne ke sa kgone go dira jalo
ka ntlha ya bogolo jwa ona.
24 Fa ke ikantse gouta, fa ke reile
gouta e e itshekileng ka re:
‘Ke wena ke ikaegang ka wena;’
25 fa ke itumeletse khumo ya me
e kgolo
le papalo e kgolo ya seatla sa me,
26 fa ke bonye lesedi la letsatsi
le phatsima
gongwe ngwedi o o tsamayang
o le montle
27 fa pelo ya me e itsieditse
mo sephiring,
fa molomo wa me o atlile seatla
sa me
e le go di tlotla jaaka medimo:
28 le go dira jalo ke molato
o o atlholelwang petso
gonne nka bo ke itatotse
Modimo o o kwa legodimong.
29 Fa ke itumeletse tatlhego
ya yo o ntlhoileng
fa ke ne ke duduetsa,
fa bosula bo mo wela–
30 mme ga ke a leofisa
magalapa a me;
ga ke a mo kopela loso
ka go mo hutsa!
31 Ruri,
ba lapa la me ba buile ba re:
‘Ke ofe yo o se kang a kgora
nama tsa gagwe?’
32 Moeng ga a ise a ke a lale
kwa ntle;
ka bulela moeti ditswalo tsa me.
33 Fa ke lobile dibe tsa me
jaaka batho,
fa ke fitlhile molato wa me
mo teng ga me,
34 ka ke ne ke boifa bontsi
jo bogolo,
ka nyatso ya ditshika tsa ga etsho
e ntshosa,
fa ke ne ke didimala,
ke sa tswele kwa ntle ga ntlo –
foo a Modimo o nkotle!
35 Ao! Nka bo ke na le
yo o nkutlwang!
Go ikwala ga me ke moo.
A Mong-wa-thata-yotlhe
a nkarabe!
Nka bo ke tshotse lokwalo
lo moganetsi wa me
o lo kwadileng!
36 Ruri, ke ne ke tla lo sikara
ka legetla la me,
ke lo ithathelela mo tlhogong
jaaka serwalo.
37 Nka bo ke mo ikarabela
dikgato tsa me,
ke mo atamela jaaka kgosana.
38 Fa tshimo ya me e goa ka ga me,
fa mesele ya yona e lela mmogo;
39 fa ke jele dijo tsa yona
ke sa e reka,
fa ke bolaile beng ba yona,
40 foo a go tlhoge mitlwa
boemong jwa mabele
le mefero
boemong jwa mmopo!”
Mafoko a ga Jobe a felela fa.