JOBE 34

1 Elihu a simolola gape go bua a re:

2 “Utlwang mafoko a me,

lona batlhalefi!

Ntshekegeleng ditsebe

ba lo nang le kitso!

3 Gonne tsebe e tlhatlhoba mafoko

jaaka magalapa a utlwa dijo.

4 A re itlhopheleng tse di siameng,

re gakololane tse di molemo.

5 Gonne Jobe a re:

‘Ke siame,

mme Modimo o nkamogile

tse di ntshwanetseng.

6 Le fa ke siame,

ke tshwanetse go nna moaki.

Ntho ya me ya motsu

ke e e sa foleng,

le fa ke se na molato.’

7 Monna yo o tshwanang le Jobe

o kae yo o nwang dikgalo

jaaka metsi,

8 yo o tsalanang le badiradibe,

a goga le banna ba boikepo?

9 Gonne o rile:

‘Ga go thuse motho sepe,

fa a rata Modimo.’

10 Ka moo, ntheetseng,

lona banna ba botlhale!

Modimo o kgakala le bokgopo;

Mong-wa-thata-yotlhe

o kgakala le tshiamololo.

11 Nnyaya, o tla duela motho

ka fa tirong ya gagwe;

o tla dirafaletsa mongwe

le mongwe tse di lebanyeng

tsamao ya gagwe.

12 Nnyaya, ruri,

Modimo ga o dire tshiamololo.

Mong-wa-thata-yotlhe

ga a sokamise tshiamo.

13 Ke mang yo o mo neetseng

go laola lefatshe;

le tikologo yotlhe ya lone,

ke mang yo o e theileng?

14 Fa Modimo

o ka itlhokomela fela,

fa o ka busetsa Mowa wa ona

le pudulo ya ona kwa go ona,

15 foo nama yotlhe e tla swa

ka nako e le nngwe fela;

motho o tla boela leroleng.

16 Fa o na le tlhaloganyo,

nkutlwelele,

o sekegele lentswe

la mafoko a me tsebe.

17 Kana yo o tlhoileng tshiamo

o ka busa jang?

Gongwe yo o tshiamo le thata,

a wena o ka mmona molato?

18 Ene yo o ka rayang kgosi a re:

‘Ga o wa sepe,’

le dikgosana a re:

‘Lo baikepi!’

19 Ene yo o sa gobeleleleng

batlotlegi,

yo o sa tlhokomeleng mohumi

bogolo go yo e leng motho fela;

gonne bone botlhe

ke tiro ya diatla tsa gagwe.

20 Ba swa ka tshoganyetso

gare ga bosigo;

morafe o rerege o nyelele;

yo o thata a tlosiwe

e se ka seatla.

21 Gonne matlho a ona

a lebile ditsela tsa motho;

o bona dikgato tsotlhe tsa gagwe.

22 Ga go na lefifi le e seng bontsho

jo bo kwenneng kwa badiradibe

ba ka iphitlhang teng.

23 Gonne Modimo ga o tlhole

o sekaseka molato wa motho,

fa a ya kwa go ona mo tshekong.

24 O pšhwetlakanya ba ba thata

kwa ntle ga tsheko;

o emisa ba bangwe

mo boemong jwa bone.

25 Ke ka moo ke reng:

O itse ditiro tsa bone;

o ba ribegetsa bosigo,

mme ba silakanngwe.

26 Ka e le baikepi o ba otla

mo felong

fa go bonang botlhe.

27 Ke ka gonne ba ikepile

mo go ona;

mme ba se ka ba tlhokomela

ditsela dipe tsa ona;

28 e le go fitlhisa selelo

sa yo mmotlana kwa go ona

gore ona o utlwe

go goa ga ba ba bogisegang.

29 Jaanong fa ona o ikhutsisa batho,

ke mang yo o ka o bonang molato?

Fa o fitlha sefatlhego,

ke mang yo o ka o bonang?

Gonne o okametse setšhaba

le batho botlhe

30 gore go se ka ga busa motho

yo o pelompe

yo o isang morafe mo tatlhegong.

31 Jaanong fa motho

a ka raya Modimo a re:

‘Ke ikgodisitse,

ga nkitla ke senya gape;

32 ke bona jalo, nthute;

fa ke dirile ka tshiamololo

ke tla baka.’

33 A ò a re, ona o busolose

ka fa go ratang wena?

Kana o nyaditse ditsela tsa ona.

Ke wena o tshwanetseng

go bolela tse di phalang tsa ona,

e seng nna.

Bolela tse o di itseng!

34 Banna ba ba nang le tlhaloganyo

le batlhalefi

ba ba ntheetsang

ba tla nthaya ba re:

35 ‘Jobe o buile a se na kitso;

mafoko a gagwe

ga a na botlhale.’

36 Ao! A Jobe a nne a lekwe

go ya go ile ka a fetola

jaaka batho ba ba bosula.

37 Gonne o oketsa boleo jwa gagwe

ka boikepo,

o sotla mo gare ga rona;

o ntsifatsa mafoko a gagwe

a a ganetsang Modimo.”