1 Ke faMorenaa fetola Jobe a le mo ledimong a re:
2 “Ke mang
yo o fifatsang maikaelelo a me
ka dipolelo tse di se nang kitso?
3 A ko o itlame letheka
jaaka monna!
Ke tla go botsa, o nthute!
4 E rile ke thaya lefatshe,
wa bo o le kae?
Bolela, fa o na le kitso!
5 Ke mang
yo o beileng ditekanyo tsa lone?
– Kana o a itse! –
Gongwe ke mang
yo o neng a gagamatsa mogala
o o le anyang mo go lone?
6 Metheo ya lone
e tsentswe mo go eng?
Ke mang yo o beileng
lentswe la sekhutlo la lone
7 mogang dinaledi tsa masa
di duduetsang mmogo,
fa baengele botlhe
ba tlhaba mokgosi wa boitumelo?
8 Ke mang yo o tswaletseng
lewatle ka ditswalo,
fa le phašametsega le tswa
mo felong ga lone,
9 fa ke dira maru diaparo tsa lone
le lefifi le lentsho lesela la lone?
10 Motlhang ke le beelang
molelwane wa lone,
fa ke le direla losi le ditswalo,
11 ka re: ‘O ka tla go fitlha fano,
mme e seng go feta;
boikgogomoso jwa dintelo
tsa gago bo na le go kokobela fa!’
12 A o setse o kile wa laola moso
ka lengwe la malatsi a gago?
A o kile wa itsise mahube
felo ga ona
13 gore a tshware dikhutlo
tsa lefatshe,
mme baikepi ba tlhotlhorwe
mo go lone?
14 Gore le fetoge jaaka mmopa
fa tlase ga sekano,
mme dilo tsotlhe di bonale
sentle,
di senoge jaaka seaparo?
15 Gore baikepi
ba timiwe lesedi la bone,
mme letswele le le
tsholetsegileng le robiwe?
16 A o kile wa ya kwa metsweding
ya lewatle,
wa itsamaela kwa tlasetlase
ga madiba a lone?
17 A o kile wa bulelwa
dikgoro tsa loso?
A o kile wa bona dikgoro
tsa lefifi le le kwenneng?
18 A o lemogile bophara
jwa lefatshe?
Bolela, fa o itse tsotlhe tseo!
19 Tsela e kae e e yang
kwa lesedi le nnang teng?
Le felo ga lefifi go kwa kae?
20 Mo o ka di isang kwa teng
ga melelwane ya tsona,
mo o itseng ditsela
tse di yang kwa matlong a tsona.
21 Legale o a itse!
Kana o tsetswe ka metlha ele;
palo ya malatsi a gago e kgolo!
22 A o kile wa fitlha
kwa polokelong ya semathana?
A o kile wa bona
polokelo ya sefako
23 tse di boloketseng
sebaka sa tlalelo
le letsatsi la ntwa le la tlhabano?
24 Tsela e kae e e yang kwa lesedi
le abelwang teng,
kwa phefo ya botlhabatsatsi
e tsogang teng go ralala lefatshe?
25 Ke mang yo o epileng melapo
ya dipula tse dikgolo,
a dira tsela ya logadima
lwa maru,
26 e le go nesa pula mo lefatsheng
le le se nang motho,
le mo sekakeng
kwa go sa nneng batho teng;
27 e le go nosetsa naga
e e omileng le e e senya,
e le go tlhogisa bojang
jo bošwa mo nageng?
28 A pula e na le rraayo?
Gongwe marothodi a monyo
a tsalwa ke mang?
29 Dikgapetla
mmaa-tsona ke mang,
le kgogotshwane ya legodimo
ke mang yo o e belegeng,
30 fa metsi a thatafala,
a nna jaaka matlapa,
fa sefatlhego sa bodiba
se nyele dikgapetla?
31 A wena o ka bofaganya
Selemela,
gongwe a o ka bofolola
dithapo tsa Dikolobe?
32 A o ka bolotsa dinaledi ka go
latelana ga tsona mo ngwageng?
A o ka tsamaisa dinaledi tsa Bere
e kgolo le tsa Bere e nnyane?
33 A o itse melao ya legodimo?
A o le laodisa mo lefatsheng?
34 A o ka tsholeletsa lentswe
kwa marung
gore morwalela wa metsi
o go khurumetse?
35 A o ka roma dikgadima
gore di bolole di go ree di re:
‘Re fano’?
36 Ke mang yo o beileng botlhale
mo marung?
Ke mang yo o neileng dilo tsa
loapi tlhaloganyo?
37 Ke mang yo o balang maru
ka botlhale?
Ke mang yo o tshololang
makuka a legodimo,
38 fa lerole le fetoga seretse,
fa makote a ngaparelana?
39 A o tsomela tau e namagadi
phologolo
gongwe a o kgorisa ditawana,
40 fa di ratela marobalo,
fa di di lalela mo sekhung?
41 Ke mang yo o baakanyetsang
legakabe dijo,
fa mamphorwana a lone
a lelela Modimong,
fa a kgarakgatshega
ka go tlhoka dijo?