Puisanyo ya ntlha
Go bua Elifase
1 Ke fa Elifase wa Themane a fetola a re:
2 “A fa motho a leka
go bua le wena,
o tla kgopisega?
Fela ke mang yo o ka kgonang
go ithiba go bua?
3 Kana ke wena
o rutileng ba bantsi,
wa tiisa diatla tse di repileng.
4 Yo o kgopiwang,
mafoko a gago a mo tsositse,
wa nonotsha mangole
a a kgwetlhang.
5 Mme fa jaanong di wela wena,
o nyema moko;
fa di ama wena, o a tshoga.
6 Poifo-Modimo ya gago
a ga o e ikanye?
Tsamao ya gago e e siameng
a ga o e solofele?
7 A ko o akanye: Ke mang yo
o latlhegileng a se na molato?
Ke bafe basiami
ba ba nyeleditsweng?
8 Ka fa ke bonyeng ka teng:
Ba ba lemang boikepo
le ba ba jwalang tatlhego
ba roba tsona tseo.
9 Ba latlhega ka pudulo
ya Modimo;
ba felelela ka phefo
ya bogale jwa ona.
10 Go duma ga tau le go rora
ga tawana go a khutla;
meno a ditawana a robegile.
11 Tau e kgolo e a swa,
fa e se na thopo;
bana ba tau e namagadi
ba a phatlalala.
12 Lefoko le ntletse sephiring;
tsebe ya me ya utlwa
go sebasebelwa ga lone.
13 E rile ke akanya
dipono tsa bosigo,
fa batho ba tshwerwe ke boroko
jo bogolo,
14 therego ya nkwela le go tetesela,
ya roromisa marapo a me otlhe.
15 Ke fa mowa o feta fa pele ga me,
mmele wa me wa tlhonya.
16 Wa ba wa ema,
ke sa lemoge ponalo ya ona,
mme e le sebopego sa mongwe
yo o fa pele ga me;
ka utlwa go sebaseba ga lentswe
le le reng:
17 ‘A motho o siame
fa pele ga Modimo?
Gongwe a monna o itshekile
fa pele ga Mmopi wa gagwe?
18 Bonang, ga o ikanye
batlhanka ba ona;
baengele ba ona
o ba tshwaya phoso.
19 Bogolo jang bone ba ba agileng
mo matlong a letsopa,
ba tlholego ya bone
e leng mo loroleng,
ba ba pšhwetlwang
jaaka motoutwana?
20 Le tlhaba ba le gona,
le phirima ba remagantswe;
ba latlhega ka bosakhutleng,
ba sa tlhokomelwe ke ope.
21 A ga ke re, fa dimapo
tsa tente ya bone di somolwa,
ba a swa, ba se na botlhale?’