JOBE 40

1 Morenaa araba Jobe a re:

2 “A mongongoregi o rata go lwa le Mong-wa-thata-yotlhe? Yo o sekang le Modimo a a fetole!”

Jobe o a araba

3 Ke fa Jobe a arabaMorenaa re:

4 “Bona, ga ke lekane.

Nka go araba ka reng?

Ke itshwara molomo.

5 Ke buile gangwe,

ga nkitla ke boelela;

ee, gabedi,

mme ga nkitla ke araba gape.”

Morena o fetola Jobe

6 Morenaa ba a fetola Jobe,

a le mo ledimong, a re:

7 “A ko o itlame letheka

jaaka monna!

Ke tla go botsa, o nthute!

8 A tota o a re

o roba tshiamo ya me?

A o a re o mpona molato

gore o nne yo o siameng?

9 A o na le letsogo

le le kana ka la Modimo?

A o ka dumisa maru

ka lentswe jaaka ona?

10 A ko o ikgabise ka borena

le bogolo;

o ikapese ka phatsimo

le kgalalelo!

11 Gorometsa dikgakalo tsa bogale

jwa gago,

o bone mongwe le mongwe

yo o ikgodisang, o mo kokobetse.

12 Leba botlhe ba ba ikgodisang

o ba inamise;

o gatake baikepi fa ba leng teng!

13 Botlhe o ba fitlhe mo leroleng;

difatlhego tsa bone o di ise

kwa di sa tlholeng di ka bonwa.

14 Foo le nna ke tla go boka ke re:

‘Letsogo le le jang la gago

le go thusitse.’

15 A ko o bone kubu e ke e dirileng

jaaka le wena ke go dirile!

E fula bojang jaaka kgomo.

16 A ko o bone,

thata ya yona e mo lethekeng;

nonofo ya yona

e mo mesifeng ya mpa.

17 E tlhamalatsa mogatla wa yona

jaaka kota ya mosetere;

mesifa ya dirope tsa yona

e raraanye.

18 Marapo a yona

a tshwana le kgotlho e e logapa;

dikgopo tsa yona

di ntse jaaka tshipi.

19 Yona ke moetapele

wa ditsela tsa Modimo;

yo o e dirileng

o e file tšhaka ya yona.

20 Ee, dithaba di e ntshetsa dijo;

diphologolo tsotlhe tsa naga

di tshameka teng.

21 E a tle e bothe

fa tlase ga ditlhare

le mo maiphitlhong

a motlhaka le loraga.

22 Ditlhare di e okame ka meriti,

megokare ya noka e e dikanyetse.

23 Bona, le fa noka e ka tlala,

ga e tshabe;

e ntse e iketlile,

le fa noka e e kana ka Joretane

e ka tshologela

mo leganong la yona.

24 Ke mang yo o ka e tshwarang

e ntse e mo lebile,

a e phunye nko ka lomapo?