Jobe o araba Morena
1 Ke fa Jobe a fetolaMorenaa re:
2 “Ke a itse gore o kgona tsotlhe;
ga o palelwe ke sepe
se o se ikaeletseng.
3 O rile ke mang
yo o fifatsang maikaelelo a me,
yo o se nang kitso?
Ke ka moo ke buileng
ke se na tlhaloganyo;
ka bua metlholo e e mpalelang,
e ke sa e itseng.
4 Wa re:
‘A ko o utlwe gore go bue nna!’
Ke tla go botsa, wena o nthute!
5 Ke ne ke go utlwetse fela
ka ditsebe,
mme jaanong matlho a me
a go bonye.
6 Ka moo ke a inyatsa,
ke a ikwatlhaya ke le leroleng
le moloreng.”
7 E rileMorenaa sena go bua mafoko ao le Jobe,Morenaa raya Elifase wa Themane a re: “Wena le ditsala tse pedi tsa gago, bogale jwa me bo lo tuketse; gonne ga lo a ka lwa bua ka ga me ka tshwanelo jaaka Jobe, motlhanka wa me.
8 Mme jaanong itseeleng dipoana tse di supang le diphelefu tse di supang, lo ye kwa go Jobe motlhanka wa me, lo itirele setlhabelo se se fisiwang, mme a Jobe motlhanka wa me a lo rapelele; gonne ke ene fela yo ke tla mo lebang gore ke se ka ka lo direla tse di tshwanetseng bosilo jwa lona; gonne ga lo a ka lwa bua tse di siameng ka ga me jaaka Jobe motlhanka wa me.”
9 Ke fa Elifase wa Themane le Biletate wa Sua le Sofare wa Naama ba dira ka faMorenaa ba laetseng ka teng. MmeMorenaa leba Jobe ka boitshwarelo.
10 Morenaa ba a fetola tatlhego ya ga Jobe, fa a rapelela ditsala tsa gagwe, mme tsotlhe tse Jobe a neng a na natso peleMorenaa di mmusetsa gabedi.
11 Ke fa bomorwa-rraagwe botlhe le bokgaitsadie botlhe le botlhe ba a neng a itsanye nabo pele ba tla kwa go ene, ba ja dijo nae mo ntlong ya gagwe, ba lela nae, ba mo gomotsa ka ntlha ya tatlhego yotlhe eMorenaa e mo tliseditseng; le gona mongwe le mongwe a mo naya ledi le le lengwe le palamonwana e le nngwe.
12 MmeMorenaa tshegofatsa Jobe go tloga jaanong bogolo go metlha ya pele: A rua difutshane di le 14 000 le dikammele di le 6 000 le dipholo tse di gogang di le 2 000 le diesele tse dinamagadi di le sekete.
13 A fiwa bana ba basimane ba ba supang le basetsana ba le bararo.
14 Morwadie wa ntlha a mmitsa Jemima, wa bobedi a mmitsa Ketsia, wa boraro a mmitsa Kerene-Hapuge.
15 Mme go ne go se na basadi mo lefatsheng lotlhe ba ba tshwanang le bomarwadia Jobe ka bontle; le gona rraabo a ba naya boswa mo gare ga bokgaitsadia-bone.
16 Morago ga moo Jobe a phela dinyaga di le 140, a bona bana ba gagwe le bana ba bana ba gagwe go fitlha losikeng lwa bone.
17 Jobe a swa a tsofetse, a kgotshe bophelo.