1 “Goelela he! Re bone
fa go na le yo o tla go arabang?
O ka retologela kwa go ofe
wa Baitshepi?
2 Kana lesilo le bolawa
ke go ngala;
seeleele se swa ka lefufa la sona.
3 Ke bonye lesilo le nama medi,
ka tlhoboga lelapa la lone
ka tshoganyetso.
4 Bana ba lone ba se na lesego,
ba gatelelwa mo lekgotleng
ba se na mothusi.
5 Tse ba di kotutseng
di jewa ke yo o tlala,
ee, di ntshiwa
mo gare ga dikgora.
Tatlhego e metsa
khumo ya bone.
6 Gonne tatlhego
ga e tswe leroleng,
pogisego ga e tlhoge fa fatshe.
7 Nnyaa, ke motho
yo o itsalelang pogisego
jaaka ditlhase di fofela
kwa godimo
di tswa mo molelong.
8 Mme nna nka bo ke batla thuso
mo Modimong;
nka bo ke begela Modimo
kgang ya me;
9 ona Modiri wa tse dikgolo
tse di se nang tlhotlhomiso;
wa tse di gakgamatsang
tse di se nang palo:
10 O o nesang pula mo fatsheng,
o nosa dinaga ka metsi
11 gore o godise ba babotlana thata,
mme ba ba hutsafalang,
ba bone pholoso e kgolo;
12 o o senyang maano a balotsana,
gore diatla tsa bone
di se ka tsa kgona sepe;
13 o o tshwarang batlhalefi
ba ba boferefere
gore maikaelelo a ba kgopo
a senngwe ke bobebe jwa bone
14 gore ba kgatlhane le lefifi
bo ntse bo sele,
ba apaape motshegare
jaaka bosigo.
15 Mme o pholosa mohumanegi
mo tšhakeng
e e tswang mo melomong
ya bone
le mo diatleng tsa yo o thata;
16 ka moo yo mmotlana
o ka bona tsholofelo,
mme bokgopo
bo tla ithiba molomo.
17 Itse he: Go sego motho
yo Modimo o mo kgalemelang!
Ka moo se nyatse kotlo
ya Mong-wa-thata-yotlhe!
18 Gonne o a tle o tlhokofatse,
mme o be o fape;
o a tle o ntshe dintho,
mme diatla tsa ona
di be di fodise.
19 O tla go pholosa mo ditlalelong
tse thataro,
ee, mo go tse supa
ga go na botlhoko bope
jo bo ka go amang:
20 O tla go golola mo losong
o le mo tlaleng
le mo thateng ya tšhaka
o le mo ntweng.
21 Fa diteme di tlhaba,
o tla bo o sireleditswe;
ga o na go boifa
fa tshenyo ya ntwa e tla.
22 O tla tshega kgatelelo le ditlala,
o sa ka ke wa boifa
dibata tsa lefatshe.
23 Gonne o na le kgolagano
le matlapa a masimo;
le dibata tsa dinaga
di tla agisanya nao.
24 O tla fitlhela lapa la gago
le le kagisong;
fa o tlhola naga ya gago
ga o nke o tlhoka sepe.
25 O tla bona bana ba gago
ba ntsifala
le ditlogolwana tsa gago
di ata jaaka ditlhogi tsa naga.
26 O tla tsena mo lebitleng
o na le botsofe jo bo tletseng
jaaka fa mabele
a robiwa a budule.
27 Bona, ke tse re di lemogileng.
Di ntse jalo.
Mme wena, o di utlwe,
o di ele tlhoko!”