JOBE 6

Jobe o a araba

1 Jobe ene a fetola a re:

2 “Ao! Botlhoko jwa me

bo ka bo bo elwa sentle.

Ba ka bo ba baya tatlhego

ya me yotlhe mo selekanyetsong.

3 Kana foo e ka bo e le makete

bogolo go motlhaba wa lewatle;

ke ka moo ke gakiwang ke

puo.

4 Gonne metsu

ya Mong-wa-thata-yotlhe

e tsepame mo go nna,

e botlhole jwa yona

bo nowang ke mowa wa me.

Ditheregiso tsa Modimo

di a ntlhasela.

5 A esele ya naga e ka lela

e ntse e na le mafulo?

Gongwe a kgomo e ka lela

e ntse e jesiwa?

6 A go jewa dijo tse di sa baloleng

tse di sa lokwang?

Gongwe a bosweu jwa lee

bo na le monate?

7 Tse mowa wa me

o ganang go di ama

di tshwana le dijo

tse di ntenang.

8 Ntlha nka bo ke tlelwa

ke tse ke di batlang;

Modimo wa nnaya

tse ke di lelelang!

9 Ao! Modimo e kete o ka bo

o kgatlhwa ke go mpšhwetla.

A o otlolole letsogo, o nkgaole!

10 Foo nka bo ke sa ntse ke na le

kgomotso;

nka bo ke ipela ke le botlhokong

jo bo se nang thekegelo.

Gonne ga ke a itatola mafoko a

Moitshepi.

11 Ke eng se se ka nthatafatsang

gore ke itshoke?

Ke kae kwa nka isiwang teng

gore ke se fele pelo?

12 A thata ya me ke thata ya lefika?

A mmele wa me ke wa tshipi?

13 Nnyaya! Ga ke na go thusiwa

ka sepe!

Pholoso e lelekilwe mo go nna.

14 Moitlhobogi o tshwanetswe

ke lorato lwa mongwe-ka-ene,

le fa a latlha go boifa

Mong-wa-thata-yotlhe.

15 Bomorwa-rre ba ntshwabisitse

jaaka noka

le jaaka meedi ya dinoka

e e fetang ka pele,

16 e e leng e mentsho ka dikgapetla,

e semathana se iphitlhang

mo go yona.

17 E a re e fisiwa ke letsatsi,

e nyelele;

e re go le bolelo,

e kgale mafelong a yona.

18 Masomo a baeti

a fapoga mo tseleng ya ona,

a ya sekakeng, a latlhega.

19 Masomo a baeti ba Thema

a tlhola metsi;

makoko a baeti ba Šeba

a ikanya metsi.

20 Mme tsholofelo ya bone

e tlhabisiwa ditlhong;

ba fitlha teng ba a swaba.

21 Jaanong lo ntshwabisitse

fela jalo;

lo bona therego, mme lo a boifa.

22 A nkile ka re: Mpheng,

lo ntefele ka di-tsa-lona,

23 lo mpholose mo diatleng

tsa mmaba,

lo nthekolole mo diatleng

tsa barena ba ba peloethata?

24 Nthuteng, ke tla didimala;

lo ntemose fa ke fositseng teng!

25 Mafoko a nnete

a na le thata ruri,

mme go kgalema ga lona

go kgona eng?

26 A lo rata go kgalemela

mafoko fela,

mme lo tseisa mafoko

a mosolofologi phefo?

27 Ee, lesiela le lone

lo ka le tlhamela tengwa,

lwa bapatsa tsala ya lona.

28 Mme jaanong, a lo ko lo ntebe!

Ruri, ga nkitla ke lo aketsa

re lebaganye!

29 Boang tlhe,

a go se dirwe ka tshiamololo!

Boang, go fa ke sa ntse

ke le mo nneteng.

30 A go na le tshiamololo

mo lolemeng lwa me?

Gongwe a magalapa a me

ga a lemoge

tse di isang mo tatlhegong?