1 “Bophelo jwa motho fatsheng
a ga se go tlhabana?
Malatsi a gagwe
a ga a tshwane le a motlhanka
yo o sebeletsang tuelo ya letsatsi?
2 Molala o lelela moriti;
yo o sebeletsang tuelo
o emela tuelo ya gagwe:
3 Ke ruile jalo dikgwedi
tse di swabisang,
ka abelwa masigo a a lapisang.
4 E re fa ke ya go robala, ke re:
‘Ke tla tsoga leng?’
Mme bosigo e nne jo boleele;
ke lapisiwe ke go tlhobaela
go ya bo be bo se.
5 Mmele wa me
o apere dibokwana
le logogo lwa lorole;
letlalo la me le thibala,
le be le phanyega gape.
6 Malatsi a me a potlaka
bogolo go morutse wa mologi;
a feta fela,
ke sa bone se ke se solofetseng.
7 Gopola, fa bophelo jwa me
e le phefo fela;
fa matlho a me a se kitla
a bona tlhogonolo gape.
8 Matlho a yo o mponang
ga a nke a nteba;
matlho a gago a tla mpatla,
mme ke tla bo ke se yo.
9 Leru le a tle le nyelele,
le tsamae:
Yo o fologetseng
kwa felong ga baswi
le ene o ntse jalo;
ga a nke a tlhatloga gape.
10 Ga a tlhole a boela
mo lapeng la gagwe;
felo ga gagwe
ga go tlhole go mo itse.
11 Le fa go ntse jalo
ga nkitla ke ithiba molomo;
fa mowa wa me o le tlalelong,
ke tla bua;
fa ke le botlhokong
jo bo galakang
ke tla lela.
12 A ke lewatle gongwe leruarua
la lewatle,
fa o mpeela balebeledi
ba ba ntisang?
13 Fa ke re: ‘Bolao jwa me
bo tla nkgomotsa,
marobalo a me a tla nthusa
go itshoka tlalelong ya me,’
14 foo o ntshose ka ditoro
o ntheregise ka dipono,
15 mo ke bileng ka rata go betwa
le go swa bogolo
go pogisego ya me.
16 Ke nyatsa bophelo jwa me!
A nke ke se phele jalo
ka bosakhutleng!
Ntese!
Kana malatsi a me ke phefo fela.
17 Motho ke eng,
fa o mo kaya yo mogolo,
fa pelo ya gago e mo ela tlhoko?
18 Fa o mo tlhola mo mosong
mongwe le mongwe,
fa o mo leka ka nako le nako?
19 Ke sebaka se se kana kang
o sa mphapose matlho,
o sa mphe boikhutso
go ka metsa mathe?
20 Fa ke leofile,
wena modisa wa batho,
ke go senyeditseng?
Ke ka ntlha ya eng,
fa o mpeile gore o ntlhasele,
fa ke le morwalo o o ikimelang?
21 Ke ka ntlha ya eng,
fa o sa itshwarele boleo jwa me,
fa o sa phimole molato wa me?
Gonne jaanong
ke tla robala loroleng;
o tla mpatla,
mme ke tla bo ke se teng.”