Go bua Biletate
1 Ga fetola Biletate wa Sua a re:
2 “O tla khutla leng
go bua tse di ntseng jalo,
mafoko a molomo wa gago
e ntse e le phefo e kgolo
fela?
3 A Modimo o ka kgopamisa
katlholo?
Gongwe a Mong-wa-thata-yotlhe
o ka sokamisa tshiamo?
4 Fa bana ba gago
ba ne ba mo leofetse,
a ba neela mo petsong
ya boleo jwa bone.
5 Mme fa wena o batla Modimo,
o kopa bopelotlhomogi
mo go Mong-wa-thata-yotlhe
6 fa o se na molato,
o le yo o siameng:
Ee, foo o tla go ngoka gape,
a go busetsa tlhogonolo
ya lapa la gago.
7 Foo tlhogonolo ya ntlha ya gago
e tla bonala,
e ne e le nnyane,
mme tlhogonolo ya morago
e tla nna e kgolo thata.
8 Ee, a ko o botse batho ba kgale,
o ele tlhoko se borraabo
ba se tlhotlhomisitseng!
9 Gonne rona re ba maabane,
ga re itse sepe;
malatsi a rona fatsheng
ke moriti fela.
10 A ga ke re, bone ba tla go ruta,
ba go bolelela,
ba go ntshetsa mafoko
ka fa kitsong ya dipelo tsa bone?
11 Ba re: A lotlhaka lo ka gola
fa go se nang bokgola?
A motlhatlha o ka gola,
o se na metsi?
12 Fa e le gona lo tlhogang,
lo ise lo butswe go ka segwa,
lo tla swaba
pele ga bojang jotlhe.
13 Ke yona tsela ya botlhe
ba ba lebalang Modimo,
mme tsholofelo ya moikepi
e a nyelela.
14 O ikgantsha ka tse di nyelelang;
tse a di ikanyang
ke bobi jwa segokgo fela.
15 O ikaega ka ntlo ya gagwe,
mme ga e nke e ema;
o itshwarelela mo go yona,
mme ga se e e tlhomameng.
16 O gola sentle a tletse matute,
le fa go le letsatsi;
matlhogela a gagwe
a farafara tshimo ya gagwe.
17 Medi ya gagwe e raraana
mo mokoeng wa matlapa;
e itshwarelela mo gare ga mafika.
18 Mme fa a kumolwa
mo felong ga gagwe,
gona go tla mo latola go re:
‘Ga ke ise nke ke go bone.’
19 Bona, ke jona boitumelo
jwa bophelo jwa gagwe,
mme yo mongwe
o tla tlhoga loroleng.
20 Bona, Jobe!
Modimo ga o latlhe
yo o o boifang,
mme ga o eme basenyi nokeng.
21 Molomo wa gago
o tla o tlatsa setshego gape
le legano la gago tuduetso.
22 Ba ba go tlhoileng
ba tla apara tsa ditlhong;
lelapa la baikepi
ga le nke le tlhola le nna teng.”