1 Lefoko laMorenale le tsileng kwa go Joele, morwa Phethuele, la re:
Letshwenyo la tsie le tshwantsha letsatsi la Morena la katlholo
2 Utlwang, lona banna bagolo!
Sekegang ditsebe,
lona baagi botlhe ba lefatshe!
A selo se, se kile sa dirafala
mo metlheng ya lona,
gongwe mo sebakeng
sa borraeno?
3 Se boleleleng bana ba lona!
Bana ba lona ba se bolelele
bana ba bone!
Bana ba bone ba se bolelele
losika lo lo ba latelang!
4 Se se tlogetsweng ke boijane
se jewa ke segongwane;
se se tlogetsweng ke segongwane
sa jewa ke molome;
se se tlogetsweng ke molome
sa jewa ke tsie.
5 Tsogang, lona matagwa, lo lele!
Gwetlang lotlhe
ba lo nwang weine
ka ntlha ya matute a moweine,
gonne a tlositswe
mo melomong ya lona.
6 Gonne setšhaba se se thata
se se se nang palo
se tlile mo lefatsheng la me;
meno a sona a tshwana le a tau;
se na le meno a ditlhaa
jaaka tau e namagadi.
7 Se sentse setlhare sa moweine
sa me,
se robile setlhare sa feie sa me,
se se obotse makwati go gotlhe,
sa a latlha.
Dikala tsa sona di ditshweu.
8 Hutsafala jaaka lekgarebe
le le apereng diaparo
tsa khutsafalo,
le le hutsafalelang monyadi
wa lone.
9 Ditshupelo tsa dijo le dino
di khutlisitswe
mo Ntlong yaMorena;
baperesiti, badiredi baMorena,
ba hutsafetse.
10 Naga e fetotswe sekaka,
masimo a tlhomola pelo,
gonne mabele a sentswe,
matute a moweine a kgadile,
lookwane lo fedile.
11 Balemi ba swabile,
balemi ba meweine ba lela
ka ntlha ya mabele le garase,
gonne ga go na kotulo
mo masimong.
12 Setlhare sa moweine se omeletse,
sa feie se swabile;
le sa garanata le sa mokolane
le sa apole le ditlhare tsotlhe
tsa naga di omeletse;
boitumelo bo tlogile jalo
mo bathong.
13 Itlameng, lo lele, lona baperesiti,
lona badiredi ba aletare!
Tlaang lo lale lo apere
diaparo tsa khutsafalo,
lona ba lo direlang
Modimo wa me;
gonne Ntlo ya Modimo wa lona
e timiwa ditshupelo
tsa dijo le dino.
14 Bayang sebaka sa go itima go ja,
bitsang phuthego,
lo phuthele banna bagolo
le baagi botlhe ba lefatshe
kwa Ntlong yaMorena,
Modimo wa lona,
lo goeleng kwaMoreneng.
15 Joo, letsatsi le, wee!
Gonne letsatsi laMorena
le gaufi;
le tla tla jaaka kgatelelo
e e tswang
mo go Mong-wa-thata-yotlhe.
16 A dijo ga di a tlosiwa
fa pele ga matlho a rona?
A boitumelo le meduduetso
ga di a tlosiwa
mo Ntlong ya Modimo wa rona?
17 Dipeo di boletse mo mmung,
difala ga di na sepe,
matlo a mabele a rutlilwe;
gonne mabele a swabile.
18 Diruiwa di lela jang!
Matlhape a dikgomo a a kaila,
ka a tlhoka mafulo;
matsomane le ona a a bogisega.
19 Morena, ke kuela kwa go wena,
gonne molelo o jele
mafulo a naga;
dikgabo tsa molelo di fisitse
ditlhare tsotlhe tsa naga.
20 Diphologolo tsa naga
le tsona di go nyoretswe;
gonne dinoka tsa metsi
di kgadile,
mme molelo o jele
mafulo a naga.