Jesu le barutwa ba gagwe fa letsheng la Tiberia
1 Morago ga dilo tseo Jesu a iponatsa gape barutweng ba gagwe fa letsheng la Tiberia, a iponatsa jaana:
2 Go ne go le Simone Petoro le Thomase yo o bidiwang Lefatlha le Nathanaele wa Kana wa Galelea le bomorwa Sebeteo le ba babedi ba bangwe ba barutwa ba gagwe, ba le mmogo.
3 Simone Petoro a ba raya a re: “Ke ya go tshwara ditlhapi.”
Ba mo raya ba re: “Le rona re ya nao.” Ba tswa ba ya ba palama mokoro; mme ba se ka ba tshwara sepe mo bosigong joo.
4 Ya re e setse e le mo mosong, Jesu a ema fa losing lwa letsha, fela barutwa ba se ka ba itse fa e le Jesu.
5 Jesu a ba botsa a re: “Banaka, a ga lo na sešabo?”
Ba mo araba ba re: “Nnyaya.”
6 A ba raya a re: “Digelang letloa ntlheng ya le le lo tla tshwara.” Ya re ba dira jalo, ba se ka ba tlhola ba kgona go le goga ka ntlha ya bontsi jwa ditlhapi.
7 Ke fa morutwa yo Jesu a mo ratang a raya Petoro a re: “Ke Morena.” Ya re Simone Petoro a utlwa gore ke Morena, a ikgatlha ka kobo e kgolo, ka a ne a sa apara, a ba a tlolela mo letsheng.
8 Mme barutwa ba bangwe ba tla ka mokoro; gonne ba ne ba se kgakala le lefatshe, e ka nna dikgato di le 100, ba goga letloa la ditlhapi.
9 Ya re ba sena go fitlha kwa lefatsheng, ba bona molelo wa magala teng, le ditlhapi di besitswe mo go ona le senkgwe.
10 Jesu a ba raya a re: “Tsisang ditlhapi tse dingwe tsa tse lo di tshwereng jaanong.”
11 Simone Petoro a palama mokoro, a gogela letloa kwa lefatsheng, le tletse ditlhapi tse dikgolo di le 153; mme le fa di ne di le kalo, letloa la se ka la gagoga.
12 Jesu a ba raya a re: “Tlaang lo fitlhole.” Mme go ne go se ope wa barutwa yo o betang pelo go mmotsa go re: “O mang?” ka ba itse gore ke Morena.
13 Jaanong Jesu a tla a tsaya senkgwe, a se ba naya, le ditlhapi jalo.
14 E ne e setse e le la boraro Jesu a iponatsa go barutwa, a sena go tsosiwa mo baswing.
Jesu o busetsa Petoro mo boapostolong
15 E rile ba sena go fitlhola, Jesu a botsa Simone Petoro a re: “Simone, morwa Jona, a o nthata bogolo go ba?”
A mo araba a re: “Ee, Morena, o itse gore ke a go rata.”
Jesu a mo raya a re: “Fudisa dikwanyana tsa me!”
16 A boa a mmotsa lwa bobedi a re: “Simone, morwa Jona, a o a nthata?”
A mo araba a re: “Ee, Morena, o itse gore ke a go rata.”
Jesu a mo raya a re: “Disa dinku tsa me!”
17 A mmotsa lwa boraro a re: “Simone, morwa Jona, a o a nthata?”
Petoro a hutsafala, ka a mmotsa lwa boraro a re: “A o a nthata?” A ba a mo araba a re: “Morena, o itse dilo tsotlhe, o itse gore ke a go rata.”
Jesu a mo raya a re: “Fudisa dinku tsa me!
18 Ammaaruri, ammaaruri ke go raya ke re: E rile o sa le yo mošwa, wa itlama, wa itsamaela kwa o ratang teng; mme e tla re o sena go tsofala, o otlolole mabogo, mme yo mongwe a go tlame, a go gogele kwa o sa go rateng.”
19 O ne a bua jalo go supa gore o tla galaletsa Modimo ka loso lo lo ntseng jang. Ya re a sena go bua jalo, a mo raya a re: “Ntshale morago!”
Mafoko ka ga Johane
20 Ya re Petoro a retologa, a bona morutwa yo Jesu a mo ratang, a ba setse morago, ene yo o neng a rapame fa sehubeng sa gagwe mo selalelong, a ba a re: “Morena, ke mang yo o go tshwarisang?”
21 Ya re Petoro a mmona, a botsa Jesu a re: “Morena, go tla nna jang ka ga yo?”
22 Jesu a mo araba a re: “Fa ke rata gore a sale go fitlhelela ke tla, go go tshwenya ka eng? Wena ntshale morago!”
23 Ka moo ga tuma mo bakaulengweng polelo e e reng: Morutwa yoo ga a nke a swa. Fela Jesu ga a a ka a mo raya a re: “Ga a nke a swa,” mme o rile: “Fa ke rata gore a sale go fitlhelela ke tla, go go tshwenya ka eng?”
Mafoko a bofelo
24 Morutwa yoo ke ene yo o supang ka ga dilo tseo, o bile o di kwadile; mme re itse gore tshupo ya gagwe ke boammaaruri.
25 Le gona go na le dilo tse dintsi di sele tse Jesu a di dirileng, tse e ka reng fa di ka bo di kwadilwe ka tatelano, ke gopola gore lefatshe le ne le sa ka ke la lekana go tshola dikwalo tse di ka bong di kwadilwe.