Jona o mo mpeng ya tlhapi. Thapelo ya ga Jona le go phologa ga gagwe
1 Jaanong Jona a rapelaMorena, Modimo wa gagwe, a le mo mpeng ya tlhapi
2 a re:
“Ke ne ka rapelaMorena
ke le mo tlalelong,
mme a nkutlwa;
ka goa ke le mo felong ga baswi,
mme wa utlwa lentswe la me.
3 O ne o ntatlhetse kwa tengteng
mo gare ga lewatle;
morwalela o ne o ntikanyetsa.
Dintelo tsotlhe tsa gago
le makhubu a gago a metsi
tsa feta godimo ga me.
4 Mme ke itheile ka re:
‘Ke lelekilwe
ka tlosiwa fa pele ga gago.
A ke tla tlhola ke bona Tempele
e e Boitshepo ya gago gape?’
5 Metsi a ne a ntikaganyetsa,
a batla go mpeta,
morwalela o le mo tikologong
ya me,
motlhaka wa lewatle
o ntharile tlhogo.
6 Ka fologela kwa metheong
ya dithaba,
ka tswalelwa ke lefatshe
ka go sa feleng,
mme wena o ntshitse
bophelo jwa me mo bodibeng,
Morena, Modimo wa me.
7 E rile mowa wa me o tlhoboga
mo teng ga me,
ka gakologelwaMorena;
thapelo ya me ya fitlha
koo go wena mo Tempeleng
e e Boitshepo ya gago.
8 Ba ba tlotlang medimo
ya boithamako,
ba tlogela
yo o bopelotlhomogi le bone.
9 Mme nna ke rata
go go direla setlhabelo
ka lentswe le le lebogang.
Se ke se ikanetseng
ke tla se dirafatsa.
Thuso e moMoreneng.”
10 Ke faMorenaa laola tlhapi gore e tlhatsetse Jona kwa lefatsheng.