MALEAGI 3

1 “Bonang, ke tla roma morongwi wa me gore a baakanye tsela fa pele ga me. Mme Morena yo lo mmatlang o tla tla kwa Tempeleng ya gagwe ka tshoganyetso, e bong moengele wa kgolagano yo o lo kgatlhang. Bonang, o e tla,” go buaMorenawa masomosomo.

2 Mme ke mang yo o ka itshokelang letsatsi la go tla ga gagwe? go tla ema mang mogang a bonalang? Gonne o tshwana le molelo wa mogakolosi; o tshwana le molora wa matlhatswi.

3 O tla nnela go gakolosa le go itshekisa selefera. O tla itshekisa bomorwa Lefi, a ba tlhapisa jaaka go tlhatswiwa gouta le selefera, gore ba isetseMorenatshupelo ka tshiamo.

4 Foo tshupelo ya Juta le ya Jerusalema e tla natefelaMorenajaaka mo malatsing a kgale le jaaka mo dinyageng tsa bogologolo.

5 “Ke tla lo atamela ka tshekiso ke le mosupi yo o bobebe, ke betsa badiri ba mereo ya boloi le ba ba itshepololang nyalo le ba ba ikanang ka maaka, le ba ba gatelelang badiredi ba bone mo tuelong le motlholagadi le khutsana, le ba ba siamololelang moeng, ba sa mpoife,” go buaMorenawa masomosomo.

Ka ga kabelo ya lesome

6 “Gonne nnaMorenaga ke a fetoga; mme lona lo ntse lo le bomorwa Jakobefela.

7 Go tloga mo malatsing a borraeno lo fapogile mo melaong ya me, ga lo a ka lwa e tshegetsa. Boelang kwa go nna, foo ke tla boela kwa go lona,” go buaMorenawa masomosomo! “Mme lo botsa lo re: ‘Re na le go boa mo go eng?’

8 A motho o ka tsietsa Modimo? Nnyaya! Mme lona lo ntse lo ntsietsa. Mme lo botsa lo re: ‘Re go tsieditse ka eng?’ Ka kabelo ya lesome le ka lekgetho.

9 Lo hutsitswe ka khutso, mme lo ntse lo ntsietsa lona setšhaba sotlhe.

10 Tlisang kabelo ya lesome yotlhe kwa ntlong ya lehumo gore go nne dijo mo Ntlong ya me! A ko lo nteke ka go dira jalo, lo bone gore a ga nkitla ke lo bulela dithoba tsa legodimo, ke lo goromeletsa lesego go fitlha lo sa tlhoke sepe.” Go buaMorenawa masomosomo.

11 “Mme ke tla thibela seji mo go lona gore se se ka sa lo senyetsa dijwalo tsa masimo; le gona setlhare sa moweine ga se kitla se tlhoka go lo ungwela,” go buaMorenawa masomosomo.

12 “Ditšhaba tsotlhe di tla lo tumisa di re: ‘Lo letlhogonolo;’ gonne lefatshe la lona e tla nna le le kgatlhisang,” go buaMorenawa masomosomo.

Modimo o tla utlwela batho ba ona botlhoko

13 “Mafoko a lona a makete mo go nna,” go buaMorena. “Mme lo botsa lo re: ‘Re ne ra buisanya eng se se go kgopisitseng?’

14 Lo buile lwa re: ‘Ke lefelafela go direla Modimo. Go re thusa eng, fa re tshegeditse ditaelo tsa ona, mme re tsamaya ka diaparo tsa khutsafalo fa pele gaMorenawa masomosomo?

15 Ka moo rona re tumisa ba ba ikgogomosang; le gona ba ba dirang tsa boikepo ba a tswelela pele; e bile ba raela Modimo, mme ba a falola!’ ”

16 Ke fa ba ba boifangMorenaba buisanya. MmeMorenaa reetsa, a utlwa; ga kwalwa lokwalo lwa segopotso fa pele ga gagwe, lwa kwalelwa ba ba boifangMorena, ba ba tlotlang leina la gagwe.

17 “E tla re ka letsatsi le ke le etleetsang ba nne ba me,” go buaMorenawa masomosomo; “ke tla ba rekegela jaaka monna a rekegela morwawe yo o mo direlang.

18 Mme lo tla baa lo bona pharologanyo fa gare ga mosiami le moikepi, fa gare ga yo o direlang Modimo le yo o sa o direleng.