Johane Mokolobetsi
1 Efangele ya ga Jesu Keresete, Morwa Modimo, e simologile
2 fela jaaka go kwadilwe mo go Jesaya moporofeti ga twe:
“Bonang, ke roma morongwi
wa me go go etelela pele
yo o tla go baakanyetsang tsela.
3 Lentswe la yo o tlhabang mokgosi
mo sekakeng la re:
‘Baakanyang tsela ya Morena,
siamisang mebila ya gagwe!’ ”
4 Johane o ne a tla jalo, a kolobetsa kwa sekakeng, a rera kolobetso ya tlhabologo go isa boitshwarelong jwa dibe.
5 Botlhe ba naga ya Jutea le botlhe ba Jerusalema ba tswela kwa go ene, ba kolobediwa ke ene mo nokeng ya Joretane, ba ipobola dibe tsa bone.
6 Johane o ne a apere kobo ya boboa jwa kammele, le moitlamo wa letlalo mo lethekeng la gagwe, a ja tsie le dinotshe tsa naga.
7 A rera a re: “Morago ga me go tla yo o nang le thata bogolo go nna, yo ke sa tshwanelang go inama, ka funolola kgole ya ditlhako tsa gagwe.
8 Nna ke lo kolobetsa ka metsi; mme ene o tla lo kolobetsa ka Mowa o o Boitshepo.”
Kolobetso ya ga Jesu le go raelwa ga gagwe
9 Mo malatsing ao Jesu a tswa kwa Nasaretha wa Galelea, a kolobediwa ke Johane mo Joretane.
10 Ya re a tswa mo metsing, a akofa a bona magodimo a bulega, le Mowa o tswa teng, o fologela mo go ene jaaka lephoi.
11 Lentswe la tswa kwa magodimong la re: “O Morwaake yo o rategang yo ke go itumelelang.”
12 Jaanong Mowa wa akofa wa mo kgweeletsa kwa sekakeng.
13 A nna kwa sekakeng malatsi a le 40, a ntse a raelwa ke Satane, a nna teng le diphologolo; mme baengele ba mo direla.
Go bidiwa ga barutwa ba ntlha
14 E rile Johane a sena go golegwa, Jesu a ya kwa Galelea, a rera Efangele ya Modimo.
15 A re: “Sebaka se weditswe, puso ya Modimo e atametse. Tlhabologang lo dumele Efangele!”
16 Ya re a tsamaya fa letsheng la Galelea, a bona Simone le Andrea morwa-rraagwe Simone, ba latlhela letloa mo letsheng; gonne e ne e le batshwari ba ditlhapi.
17 Jesu a ba raya a re: “Tlaang lo ntshaleng morago! Ke tla dira gore lo nne batshwari ba batho.”
18 Ba akofa ba tlogela matloa a bone, ba mo sala morago.
19 Ya re a ya fa pelenyana, a bona Jakobo wa ga Sebeteo, le Johane morwa-rraagwe, ba le bone ba ne ba le mo mokorong, ba roka matloa.
20 A akofa a ba bitsa; ba tlogela Sebeteo rraabo mo mokorong, a na le barapiwa, ba mo sala morago.
Phodiso ya yo o tsenyweng ke mowa o o bosula mo Kaperenaume
21 Jaanong ba tsena mo Kaperenaume. Ya re ka Sabata a akofa a tsena mo senagogeng, a ruta.
22 Mme batho ba gakgamalela thuto ya gagwe; gonne o ne a ba ruta jaaka yo o nang le thata, e seng jaaka Baitsedikwalo.
23 Ka motlha oo ga bo go le motho yo o nang le mowa o o itshekologileng mo senagogeng sa bone, a goa a re:
24 “O na le eng le rona, Jesu wa Nasaretha? A o tsile go re isa tatlhegong? Ke itse gore o mang; o Moitshepi wa Modimo.”
25 Jesu a o kgalemela a re: “Didimala o tswe mo go ene!”
26 Ya re mowa o o itshekologileng o mo rutlarutla, wa goa ka lentswe le legolo, wa tswa mo go ene.
27 Botlhe ba gakgamala, mo ba bileng ba botsanya ba re: “Ke eng se? Ke thuto e ntšhwa e e nang le thata. Le mewa e e itshekologileng o a e laola, mme e a mo utlwa.”
28 Mme tumo ya gagwe ya akofa ya tswela ntlheng tsotlhe mo tikologong yotlhe ya Galelea.
Jesu o fodisa balwetse
29 E rile ba sena go tswa mo senagogeng, ba akofa ba tsena mo ntlong ya ga Simone le Andrea, ba na le Jakobo le Johane.
30 Mogwagwadia Simone a bo a letse fa fatshe, a tuka bolelo, mme ba akofa ba mo mmolelela.
31 Jesu a mo atamela, a mo tshwara seatleng, a mo kakatlolola; mogote wa mo tlogela, a ba a ba direla.
32 Ya re go le maitsiboa, letsatsi le phirima, ba isa go ene botlhe ba ba lwalang le ba ba tsenyweng ke medemone.
33 Motse otlhe wa bo o phuthegetse fa mojako.
34 A fodisa ba bantsi ba ba lwalang malwetse a mefutafuta, a kgarameletsa medemone e mentsi ntle; mme a se ka a letlelela medemone go bua; gonne e ne e mo itse.
35 Ya re ka moso, go sa le bosigo, a tsoga, a tswela kwa ntle, a ya kwa felong fa go senya, a rapela teng.
36 Simone le ba ba nang nae ba mo latela.
37 Ba mo fitlhela, ba mo raya ba re: “Botlhe ba a go batla.”
38 A ba raya a re: “A re yeng go sele, kwa metsaneng e e gaufi, gore le gona koo ke rere Efangele; gonne ke sona se ke se tletseng.”
39 A ya a rera mo disenagogeng tsa bone kwa Galelea yotlhe, a kgarameletsa medemone kwa ntle.
Phodiso ya molwetse wa lepero
40 Jaanong ga tla molwetse wa lepero kwa go ene, a mo rapela, a mo khubamela, a mo raya a re: “Fa o rata, o ka mphepafatsa.”
41 Jesu a tlhomoga pelo, a ntsha letsogo, a mo ama, a mo raya a re: “Ke a rata, phepafala!”
42 Lepero la akofa la mo tlogela, a fola.
43 Mme Jesu a mo laela thata, a akofa a mo rebola,
44 a mo raya a re: “Itise gore o se ka wa bolelela ope sepe! Mme tsamaya o ipontshe moperesiti, o be o ntshetse phepafalo ya gago tse Moše o di laotseng, go nna tshupo mo go bone.”
45 Mme ene ya re a tswa, a simolola go bolela tse dintsi le go utlwatsa tiro eo, mo Jesu a neng a sa tlhole a kgona go tsena mo motseng a bonwa, mme a nna kwa ntle mo mafelong a a senya. Mme batho ba tla go ene, ba tswa ntlheng tsotlhe.