MATHEO 14

Johane Mokolobetsi o kgaolwa tlhogo

1 Metlheng eo kgosi Herote a utlwela tumo ka ga Jesu,

2 a ba a raya batlhanka ba gagwe a re: “Yo, ke Johane Mokolobetsi; o tsogile mo baswing, ke ka moo dinonofo di itshupang mo go ene.”

3 Herote a re jalo, gonne o ne a tshwere Johane, a mo golega, a mo tsenya mo ntlong ya kgolegelo ka ntlha ya ga Herodia, mosadi wa ga Filipo morwa-rraagwe.

4 Gonne Johane o ne a mo reile a re: “Ga o a letlelelwa go nna nae.”

5 Mme le fa a ne a rata go mmolaya, a boifa batho; gonne ba ne ba mo kaya moporofeti.

6 E rile ka letsatsi la botsalo jwa ga Herote, morwadia Herodia a bina fa pele ga bone, a kgatlha Herote.

7 Ke ka moo a mo solofetsang ka ikano go mo naya se a tla se kopang, le fe e ka nna eng.

8 Mme ya re a sena go tlhotlhelediwa ke mmaagwe, a re: “Nnaya fano tlhogo ya ga Johane Mokolobetsi ka mogopo.”

9 Jaanong kgosi ya hutsafala; mme ka ntlha ya maikano le ka ntlha ya ba ba ntseng nayo fa dijong ya laela gore a e newe.

10 A ba a roma motlhanka go kgaola Johane tlhogo kwa ntlong ya kgolegelo.

11 Mme tlhogo ya gagwe ya tsisiwa ka mogopo, ya newa morweetsana, mme ene a e isa kwa go mmaagwe.

12 Barutwa ba gagwe ba tla, ba tsaya serepa, ba se fitlha, ba be ba tla ba bolelela Jesu.

13 E rile a utlwa, a tloga teng ka mokoro, a ya a le nosi felong gongwe kwa sekakeng; mme ya re batho ba utlwa, ba mo latela ka dinao, ba tswa mo metseng.

Ntsifatso ya ntlha ya dinkgwe

14 Ya re a tswa teng, a bona lesomo le legolo la batho, a ba tlhomogela pelo, a ba a fodisa balwetse ba bone.

15 Ya re go le maitsiboa, barutwa ba gagwe ba ya go ene ba re: “Felo fa ke sekaka, mme lobaka lo setse lo fetile; naya batho tsela gore ba ye metsaneng, ba ithekele dijo.”

16 Mme Jesu a ba fetola a re: “Ga go batlege gore ba tsamae; lona ba feng, ba je!”

17 Bone ba re: “Fano ga re na sepe, fa e se dinkgwe tse tlhano le ditlhapi tse pedi.”

18 Ene a re: “Di tsiseng kwano go nna!”

19 Ya re a sena go laela batho go nna mo bojannye, a tsaya dinkgwe tse tlhano le ditlhapi tse pedi, a lelala kwa legodimong, a leboga, a nathoganya dinkgwe, a di neela barutwa, mme barutwa ba di abela batho.

20 Ba ja botlhe, ba kgora, ba be ba sela masadisa, a tlala ditlatla di le 12.

21 Ba ba jeleng e ka nna banna ba ba dikete tse tlhano, go sa balwe basadi le bana.

Jesu o tsamaya fa godimo ga letsha

22 Jaanong a akofa a kgola barutwa gore ba palame mokoro, ba mo etelele pele ba ye kwa moseja, ene a sa ntse a phatlalatsa batho.

23 E rile a sena go naya batho tsela, a tlhatlogela kwa thabeng a le esi go rapela; ya re go le maitsiboa, a bo a le teng a le esi.

24 Mme mokoro wa bo o setse o le mo gare ga letsha, o tshwenngwa ke makhubu; gonne ba ne ba tlhabaganye le phefo.

25 Ya re ka tebelo ya bone ya bosigo a tla kwa go bone, a tsamaya mo godimo ga letsha.

26 Ya re barutwa ba mmona a tsamaya mo godimo ga letsha, ba tshoga ba re: “Ke sedimo!” ba be ba kua ka ntlha ya poifo.

27 Jesu a akofa a bua nabo a re: “Namatshegang! Ke nna, se boifeng!”

28 Petoro a mo araba a re: “Morena, fa e le wena, ntaolela gore ke tle go wena mo godimo ga metsi.”

29 Jesu a re: “Tlaya!” Petoro a fologa mo mokorong, a tsamaya mo godimo ga metsi, a ya kwa go Jesu.

30 Mme ya re a bona phefo e e thata, a boifa, mme ka a simolola go nwela, a goa a re: “Morena, nkinola!”

31 Jesu a akofa a ntsha letsogo, a mo tshwara, a mo raya a re: “Wena yo o tumelo e potlana, o ne o belaelelang?”

32 Ya re ba sena go palama mokoro, phefo ya didimala.

33 Mme ba ba mo mokorong ba mo obamela ba re: “Ammaaruri, o Morwa Modimo!”

Jesu o fodisa balwetse kwa Genesareta

34 Ya re ba sena go tshela, ba fitlha kwa lefatsheng la Genesareta.

35 Ya re banna ba felo foo ba mo lemoga, ba romela mo tikologong eo yotlhe; ke fa batho ba tsisa ba ba lwalang go ene,

36 ba mo rapela gore ba ame kola fela ya kobo ya gagwe; mme botlhe ba ba neng ba e ama ba fola.