Yo mogolo mo pusong ya magodimo
1 Ka nako eo barutwa ba ne ba tla go Jesu ba re: “Yo mogolo mo pusong ya magodimo ke mang?”
2 Foo a ipiletsa ngwana, a mmaya mo gare ga bone
3 a re: “Ammaaruri ke lo raya ke re: Fa lo sa fetoge, lwa nna jaaka bana, ga lo ka ke lwa tsena mo pusong ya magodimo ka gope.
4 Ka moo, mongwe le mongwe yo o tla ingotlang jaaka ngwana yo, ke ene yo mogolo mo pusong ya magodimo.
5 Yo o tsholang ngwana mongwe yo o ntseng jalo ka leina la me, o tshola nna.
Tse di leofisang
6 “Mme yo o kgopisang mongwe wa ba babotlana ba, ba ba dumelang mo go nna, go molemo mo go ene gore lelwala le legolo le golegelelwe mo molaleng wa gagwe, a be a nwediwe mo botennye jwa lewatle.
7 Ijoo lefatshe ka ntlha ya dikgopiso! Dikgopiso di tshwanetse go tla; fela a tatlhego ya motho wee yo kgopiso e tlang ka ene!
8 “Fa seatla gongwe lonao lwa gago lo go kgopisa, o di kgaole, o di latlhe; go molemo mo go wena go tsena mo bophelong o le segole gongwe setlhotsa, bogolo go go latlhelwa mo molelong o o sa khutleng, o na le diatla tse pedi gongwe dinao tse pedi.
9 Gape fa leitlho la gago le go kgopisa, o le gonye, o le latlhe; go molemo mo go wena go tsena mo bophelong o le moitlho, bogolo go go latlhelwa mo moleteng wa molelo, o na le matlho a mabedi.
Nku e e timetseng
10 “Itiseng gore lo se nyatse ope wa ba babotlana ba; gonne ke lo raya ke re: Baengele ba bone kwa magodimong ba bona ka gale sefatlhego sa ga Rre yo o kwa magodimong.
11 Gonne Morwa-Motho o tsile go pholosa se se latlhegileng.
12 “Lo gopolang? Fa motho mongwe a na le dinku di le lekgolo, mme nngwe ya tsona e timela, a ga ke re o tla tlogela tse di 99 kwa dithabeng, a ya go batla e e timetseng?
13 Mme fa a ka e bona, ruri, ke lo raya ke re: O tla itumelela bogolo go tse di 99 tse di se kang tsa timela.
14 Fela jalo le ene Rraeno yo o kwa magodimong ga a rate gore ope wa ba babotlana ba a latlhege.
Fa ò leofelwa ke mongwe
15 “Fa mokaulengwe wa gago a go leofela, yaa ò mo kgalemele, lo le babedi fela. Fa a ka go utlwa, ò tla bo o iponetse mokaulengwe.
16 Fa a sa utlwe, tsaya mongwe gongwe babedi nao gore lefoko lengwe le lengwe le tlhomamisiwe ka melomo ya basupi ba babedi gongwe ba bararo.
17 Fa a gana go ba utlwa, o bolelele phuthego; fa a gana go utlwa le yona phuthego, a nne jaaka moheitane le mokgethisi mo go wena.
Tumalano
18 “Ammaaruri ke lo raya ke re: Sengwe le sengwe se lo tla se bofang mo lefatsheng, se tla bo se bofilwe kwa legodimong; le se lo tla se bofololang mo lefatsheng, se tla bo se bofolotswe kwa legodimong.
19 “Gape ke lo raya ke re: Fa ba le babedi ba lona ba ka dumalana mo lefatsheng ka ga sengwe se ba tla se kopang, le fa e ka nna eng, ba tla se direlwa ke Rre yo o kwa magodimong;
20 gonne kwa ba le babedi gongwe ba le bararo ba phuthegetseng teng mo leineng la me, foo ke teng mo gare ga bone.”
Motlhanka yo o se nang bopelotlhomogi
21 Ke fa Petoro a atamela, a mo raya a re: “Morena, mokaulengwe wa me o ka nteofela ga kae, ke ntse ke mo itshwarela? A e ka nna gasupa?”
22 Jesu a mo raya a re: “Ke go raya ke re: E seng gasupa, mme e nne ga 70 gasupa.
23 Ka moo puso ya magodimo e tshwana le motho yo e leng kgosi e e neng e rata go tlhatlhoba mesuga le batlhanka ba yona.
24 Ya re e simolola go tlhatlhoba, ga tsisiwa mongwe yo o mosuga nayo ditalentedi le dikete tse some.
25 Mme ya re ka a palelwa ke go lefa, morena a laola gore a rekisiwe le mosadi le bana le tsotlhe tse o nang natso, gore go duelwe mesuga.
26 Motlhanka yoo a wela fa fatshe, a mo khubamela a re: ‘O nne pelotelele le nna, ke tla go duela tsotlhe.’
27 Morena wa motlhanka yoo a tlhomoga pelo, a mo golola, a mo itshwarela molato.
28 “Jaanong motlhanka yoo a tswa, a kopana le yo mongwe wa batlhanka-ka-ene, yo o mosuga nae diranta di le some, a mo tshwara, a mmeta a re: ‘Lefa molato wa gago!’
29 Motlhanka-ka-ene a wela fa fatshe, a mo rapela a re: ‘O nne pelotelele le nna, ke tla go lefa tsotlhe.’
30 Mme a gana, a ya a mo latlhela mo ntlong ya kgolegelo, go tsamaya a lefe molato.
31 Ya re batlhanka-ka-ene ba bona tse di dirafetseng, ba hutsafala thata, ba tla ba begela morena wa bone tsotlhe tse di dirafetseng.
32 Ke fa morena wa gagwe a mmitsa, a mo raya a re: ‘Motlhanka yo o bosula ke wena! Ke go itshwaretse molato ole otlhe, ka ò nthapetse.
33 Le wena, a e ne e se tshwanelo ya gago go utlwela motlhanka-ka-wena botlhoko, jaaka le nna ke go utlwetse botlhoko?’
34 Mme morena wa gagwe a tuka bogale, a mo neela batlhokofatsi, go tsamae a lefe molato otlhe.
35 “Rre wa legodimo le ene o tla direla jalo mongwe le mongwe wa lona yo o sa itshwareleng mokaulengwe wa gagwe ka pelo yotlhe.”