Jesu o tsena kwa Jerusalema
1 E rile ba atamela Jerusalema, ba fitlha kwa Bethefage fa Thabeng ya Diolefa, foo Jesu a roma barutwa ba le babedi,
2 a ba raya a re: “Yaang kwa motsaneng o lo lebaganyeng nao; lo tla akofa lo fitlhela esele e golegilwe, e na le eselana; di gololeng, lo di tsise kwano go nna.
3 Mme fa mongwe a bua sengwe le lona, lo re: ‘Morena o a di batla;’ mme o tla akofa a di romela.”
4 Mme tsotlhe tse, di ne di dirafala gore go dirafale se se builweng ke moporofeti a re:
5 “Bolelelang Morwadia Sionelo re:
‘Bona, Kgosi ya gago
e tla go wena,
e le bonolo,
e palame esele, e bong eselana,
ngwana wa esele.’ ”
6 Barutwa ba ya, ba dira fela ka fa Jesu a ba laetseng ka teng.
7 Ba tsisa esele le eselana, ba baya dikobo tsa bone mo go tsona, mme Jesu a e palama.
8 Foo bontsi jwa batho jwa ala dikobo tsa bone mo tseleng; mme ba bangwe ba kgaola dikala mo ditlhareng, ba di ala mo tseleng.
9 Mme batho ba ba mo eteletseng pele le ba ba mo setseng morago ba tlhaba mokgosi ba re: “Hosana go Morwa Dafita! Go bakwe yo o tlang ka leina la Morena; Hosana mo magodimodimong!”
10 E rile a tsena mo Jerusalema, motse otlhe wa huduega wa re: “Yo ke mang?”
11 Mme bontsi jwa batho jwa araba jwa re: “Ke ene moporofeti Jesu yo o tswang kwa Nasaretha wa Galelea.”
Jesu o leleka ba ba itshepololang Tempele
12 Jaanong Jesu a tsena mo Tempeleng, a feta a leleka botlhe ba ba rekisang le ba ba rekang mo Tempeleng, a menola ditafole tsa ba ba ananyang madi, le ditulo tsa ba ba rekisang maphoi,
13 a ba raya a re: “Go kwadilwe ga twe: ‘Ntlo ya me e tla bidiwa Ntlo ya thapelo;’ mme lona lo e dirile mongobo wa dinokwane.”
14 Foo difofu le batlhotsi ba tla go ene mo Tempeleng, mme a ba fodisa.
15 Ya re baperesiti ba bagolo le Baitsedikwalo ba bona dikgakgamatso tse o di dirang, le bana ba ba opang mokgosi mo Tempeleng ba re: “Hosana go Morwa Dafita!” ba gakala,
16 ba mo raya ba re: “A o utlwa se bao ba se buang?”
Jesu a ba fetola a re: “Ee; a ga lo ise lo ke lo buise se se reng: ‘O ipaakanyeditse pako ka melomo ya masea le ya ba ba anyang’?”
17 Mme a ba tlogela, a tswa mo motseng, a ya kwa Bethania, a lala teng.
Komelelo ya mofeie
18 Ya re ka moso phakela, fa a boela kwa motseng, a tshwarwa ke tlala.
19 Ya re a bona mofeie fa tseleng, a ya kwa go ona; mme a se ka a fitlhela sepe mo go ona, fa e se matlhare fela. Foo a o raya a re: “A go se tlhole go ungwa leungo lepe mo go wena go ya bosakhutleng!” Mme mofeie wa akofa wa omelela.
20 Ya re barutwa ba bona, ba gakgamala ba re: “Kana mofeie o omeletse ka bonako jang?”
21 Jesu a ba araba a re: “Ammaaruri ke lo raya ke re: Fa lo na le tumelo, lo sa belaele, lo ka dira, e seng fela se se diretsweng mofeie; mme fa lo ka raya thaba e lo a re: ‘Itsholetse o itigele mo lewatleng,’ go ka dirafala.
22 Le tsotlhe tse lo ka di kopang mo thapelong ka go dumela, lo tla di amogela.”
Potso ka ga thata ya ga Jesu
23 E rile a sena go tsena mo Tempeleng, mme a ruta, baperesiti ba bagolo le bagolo ba morafe ba tla go ene ba re: “Dilo tse o di dira ka thata efe? Ke mang yo o go neileng thata e?”
24 Mme Jesu a ba fetola a re: “Le nna ke tla lo botsa lefoko le le lengwe fela; fa lo ka le mpolelela, le nna ke tla lo bolelela thata e ke dirang dilo tse ka yona:
25 Kolobetso ya ga Johane e ne e tswa kae, a ke kwa legodimong, gongwe mo bathong?”
Foo ba akanya ba re: “Fa re ka re: ‘Kwa legodimong,’ o tla re raya a re: ‘Mme ke eng, fa lo ne lo sa mo dumele?’
26 Mme fa re ka re: ‘Mo bathong,’ re boifa batho; gonne botlhe ba kaile Johane moporofeti.”
27 Jaanong ba araba Jesu ba re: “Ga re itse.”
Le ene a ba raya a re: “Le nna ga ke lo bolelele thata e ke dirang dilo tse ka yona.
Setshwantsho sa bomorwa ba babedi
28 “Lo gopolang? Motho mongwe o ne a na le bomorwa ba le babedi; mme a ya kwa go wa ntlha a re: ‘Ngwanaka, ya o dire mo tshimong ya moweine kajeno.’
29 A araba a re: ‘Ee, morena.’ Mme a se ka a ya.
30 Foo a ya kwa go wa bobedi, a bua fela jalo. Ene a araba a re: ‘Ke a gana.’ Mme morago a ikwatlhaya, a ya.
31 Jaanong he, ke ofe wa ba babedi ba, yo o dirileng thato ya ga rraagwe?”
Ba re: “Wa bofelo.”
Jesu a ba raya a re: “Ammaaruri ke lo raya ke re: Bakgethisi le diaka ba lo raka go tsena mo pusong ya Modimo.
32 Gonne Johane o tsile go lona ka thuto e e siameng, mme ga lo a ka lwa mo dumela; bakgethisi le diaka bone ba mo dumela. Mme lona, le fa lo bonye, ga lo a ka lwa ikwatlhaya morago gore lo mo dumele.
Setshwantsho sa balemi
33 “Utlwang setshwantsho se sengwe: Go ne go le motho yo e leng mong wa ntlo, a lemile tshimo ya moweine, a e agelela ka logora, a epa setlhotlhelo sa weine mo go yona, a aga sefata; mme tshimo a e neela balemi, a ba a eta.
34 Ya re sebaka sa maungo se atamela, a roma batlhanka ba gagwe kwa baleming gore ba ye go amogela maungo a gagwe.
35 Balemi ba tshwara batlhanka ba gagwe, mongwe ba mmetsa, yo mongwe ba mmolaya, yo mongwe ba mo kgobotletsa ka majwe.
36 Gape a roma batlhanka ba bangwe ba bantsi go feta ba pele; mme ba ba dira fela jalo.
37 La bofelo a roma morwawe kwa go bone, a gopola gore: ‘Ba tla tlotla morwaake.’
38 Mme ya re balemi ba bona morwawe, ba raana ba re: ‘Wa boswa ke yo; tlaang re mmolaeng, re tle re je boswa jwa gagwe!’
39 Ba mo tshwara, ba mo kgarameletsa kwa ntle ga tshimo ya moweine, ba mmolaya.
40 “Jaanong, e tla re morena wa tshimo ya moweine a tla, a direng ka balemi bao?”
41 Ba mo araba ba re: “Ba ba bosula bao o tla ba bolaya setlhogo, mme tshimo ya moweine o tla e neela balemi ba sele, ba ba tla neng ba mo neela maungo ka dinako tsa ona.”
42 Jesu a ba raya a re: “A ga lo ise lo ke lo buise mo Dikwalong fa go tweng:
“ ‘Lentswe le baagi ba le latlhileng
ke lone le le dirilweng
letlapa la sekhutlo.
Seo se dirilwe ke Morena,
se bile se gakgamatsa
mo matlhong a rona.’
43 “Ke ka ntlha ya moo ke lo rayang ke re: Puso ya Modimo e tla tlosiwa mo go lona, e newa setšhaba se se tla ntshang maungo a yona.
44 Yo o welang mo lentsweng leo o tla thubagana; mme yo lone le mo welang le tla mo papetla.”
45 Ya re baperesiti ba bagolo le Bafarisai ba utlwa ditshwantsho tsa gagwe, ba lemoga gore o bua ka ga bone,
46 ba be ba batla go mo tshwara, mme ba boifa masomo a batho, ka ba mo kaya moporofeti.