Setshwantsho sa makgarebe a a lesome
1 “Motlhang oo puso ya magodimo e tla tshwana le makgarebe a a some, a a tsereng dipone tsa ona, a bolola, a ya go kgatlhantsha monyadi.
2 A matlhano a ona a ne a le bosilo, a matlhano a le botlhale.
3 A a bosilo, e rile a tsaya dipone tsa ona, a se ka a tsaya le lookwane.
4 A a botlhale ona a tsaya lookwane ka medutwana mmogo le dipone tsa ona.
5 Ya re monyadi a diega, otlhe a otsela, a robala.
6 “Mo gare ga bosigo ga opiwa mokgosi ga twe: ‘Bonang, monyadi ke yo! Tswaang lo ye go mo kgatlhantsha!’
7 Ke fa makgarebe ao a tsoga otlhe, a baakanya dipone tsa ona,
8 mme a a bosilo a raya a a botlhale a re: ‘Re tsheleleng lookwane lo longwe lwa lona, gonne dipone tsa rona di a tima.’
9 A a botlhale a araba a re: ‘Nnyaya, ga go ka ke ga lekana rona le lona; bogolo yaang go ba ba rekisang, lo ithekele.’
10 Ya re a sa ile go reka, monyadi a tla; mme a a iketleeditseng a tsena nae mo moletlong wa nyalo, mme mojako wa tswalwa.
11 “Morago makgarebe a mangwe le ona a tla a re: ‘Morena, Morena, re bulele!’
12 Ene a araba a re: ‘Ammaaruri ke lo raya ke re: Ga ke lo itse.’
13 “Ka moo he, itiseng! Gonne ga lo itse letsatsi, le fa e le nako e Morwa-Motho a tla tlang ka yona.
Setshwantsho sa ditalente
14 “Gonne go ntse jaaka monna yo o rileng a ya go eta, a bitsa batlhanka ba gagwe, a ba neela di-tsa-gagwe.
15 A neela mongwe ditalente tse tlhano, yo mongwe tse pedi, yo mongwe e le nngwe fela, mongwe le mongwe ka fa nonofong ya gagwe; a ba a akofa a eta.
16 Foo yo o amogetseng ditalente tse tlhano a ya a dira ka tsona, a bapala ditalente tse dingwe tse tlhano.
17 Fela jalo le yo o amogetseng tse pedi a bapala tse dingwe tse pedi.
18 Mme yo o amogetseng e le nngwe fela, a ya a epa fa fatshe, a fitlha madi a morena wa gagwe.
19 “Morago ga sebaka se seleele morena wa batlhanka bao a boa, a tla go bona gore a ba dirile ka ditalente.
20 Pele ga tla yo o amogetseng ditalente tse tlhano, a tsisa ditalente tse dingwe tse tlhano a re: ‘Morena, ò ne o nneetse ditalente tse tlhano; bona, ke bapetse ditalente tse dingwe tse tlhano ka tsona.’
21 Morena wa gagwe a mo raya a re: ‘Ahee, ò motlhanka yo o siameng yo o ikanyegang; ò ne wa ikanyega mo go tse dipotlana, ke tla go laodisa tse dintsi; tsena mo boitumelong jwa morena wa gago.’
22 “Le yo o amogetseng ditalente tse pedi a tla a re: ‘Morena, ò ne o nneetse ditalente tse pedi; bona, ke bapetse ditalente tse dingwe tse pedi ka tsona.’
23 Morena wa gagwe a mo raya a re: ‘Ahee, ò motlhanka yo o siameng yo o ikanyegang; ò ne wa ikanyega mo go tse dipotlana, ke tla go laodisa tse dintsi; tsena mo boitumelong jwa morena wa gago.’
24 “Yo o amogetseng talente e le nngwe fela a tla a re: ‘Morena, ke itsile gore ò motho yo o bogale, ka ò tle o robe kwa o sa jwalang teng, ò be o sele kwa o sa gasang teng;
25 mme ke ne ka boifa, ka ya ka fitlha talente ya gago mo mmung; bona, sa gago ke se.’
26 “Morena wa gagwe a mo fetola a re: ‘Motlhanka yo o bosula le botshwakga ke wena! A ò itsile gore ke roba kwa ke sa jwalang teng, ke be ke sele kwa ke sa gasang teng?
27 Fa go ntse jalo, ò ne o tshwanetse wa bo o isitse madi a me kwa baatising ba ona, mme nna, mo go tleng ga me nka bo ke amogetse sa me ka koketsego.
28 Jaanong mo tseeleng talente eo, lo e nee yo o nang le ditalente tse some.
29 Gonne mongwe le mongwe yo o dirisitseng sengwe ka boikanyo o tla okelediwa, a ba a nna le letlotlo; mme yo o sa supeng boikanyo o tla amogwa le se o nang naso.
30 Mme motlhanka yo o se nang molemo mo latlheleng kwa lefifing le le kwa ntlentle; go tla nna selelo le phuranyo ya meno teng.’
Bophelo jo bo sa khutleng le petso e e sa khutleng
31 “E tla re Morwa-Motho a tla ka kgalalelo ya gagwe, baengele botlhe ba ba boitshepo ba na nae, a nne mo sedulong sa bogosi sa kgalalelo ya gagwe.
32 Mme merafe yotlhe e tla phuthelwa fa pele ga gagwe. O tla ba tlhaola bangwe mo go ba bangwe, jaaka modisa a tlhaola dinku mo dipoding.
33 Dinku o tla di baya ka fa letsogong le le jang la gagwe, mme dipodi ka fa go la molema.
34 Jaanong kgosi e tla raya ba ba ka fa letsogong le le jang la yona e re: ‘Tlaang lona, batshegofadiwa ba ga Rre, lo rue boswa jwa puso e lo e baakanyeditsweng e sa le ka tlholego ya lefatshe!
35 Gonne ke ne ke tshwerwe ke tlala, lwa mpha dijo; ke ne ke nyorilwe, lwa nnosa; ke ne ke le moeng, lwa ntshola;
36 ke ne ke sa apara, lwa nkapesa; ke ne ke lwala, lwa ntekola; ke ne ke le mo ntlong ya kgolegelo, lwa tla go nna.’
37 “Foo basiami ba tla mo fetola ba re: ‘Morena, re go bonye leng, o tshwerwe ke tlala, mme ra go jesa, gongwe o nyorilwe, mme ra go nosa?
38 Re go bonye leng, o le moeng, mme ra go tshola, gongwe o sa apara, mme ra go apesa?
39 Re go bonye leng, o lwala, gongwe o le mo ntlong ya kgolegelo, mme ra tla go wena?’
40 Kgosi e tla ba araba e re: ‘Ammaaruri ke lo raya ke re: Tsotlhe tse lo di diretseng mongwe wa bonnake ba babotlana ba, lo di ntiretse.’
41 “Jaanong e tla raya ba ba ka fa letsogong la molema e re: ‘Tlogang fa go nna, bahutsiwa ke lona, lo ye kwa molelong o o sa khutleng, o o baakanyeditsweng Diabolo le baengele ba gagwe!
42 Gonne ke ne ke tshwerwe ke tlala, lwa se ka lwa mpha dijo; ke ne ke nyorilwe, lwa se ka lwa nnosa;
43 ke ne ke le moeng, lwa se ka lwa ntshola; ke ne ke sa apara, lwa se ka lwa nkapesa; ke ne ke lwala, e bile ke le mo ntlong ya kgolegelo, lwa se ka lwa ntekola.’
44 “Foo le bone ba tla araba ba re: ‘Morena, re go bonye leng, ò tshwerwe ke tlala, gongwe ò nyorilwe, gongwe ò le moeng, gongwe ò sa apara, gongwe ò lwala, gongwe ò le mo ntlong ya kgolegelo, ra se ka ra go direla?’
45 Foo o tla ba araba a re: ‘Ammaaruri ke lo raya ke re: Tsotlhe tse lo se kang lwa di direla mongwe wa ba babotlana ba, le nna ga lo a ka lwa di ntirela.’
46 Mme ba tla tloga ba ya kwa petsong e e sa khutleng, basiami bone ba ya botshelong jo bo sa khutleng.”