MIGA 4

Ka ga puso ya ga Keresete

1 E tla re mo malatsing a bofelo,

thaba ya Ntlo yaMorena

e bo e tlhomame,

e okame dithaba,

e godisitswe kwa godimo

ga dithabana;

mme merafe e tla phuthegela

kwa go yona.

2 Ditšhaba tse dintsi

di tla tloga di re:

“Tlayang a re tlhatlogeleng

kwa thabeng yaMorena,

kwa Ntlong ya Modimo

wa ga Jakobe,

gore o re rute ditsela tsa ona,

re tsamae mo ditselaneng tsa ona;

gonne molao

o tla tswa mo Sione,

Lefoko laMorena

le tswa kwa Jerusalema.”

3 Mme o tla atlhola mo gare

ga merafe e mentsi,

a siamisetsa ditšhaba tse di thata

go ya go fitlha kwa kgakala.

Mme ba tla thula ditšhaka

tsa bone megoma,

ba fetola marumo a bone

disekele.

Setšhaba ga se nke se somola

tšhaka go tlhabana

le setšhaba se sengwe;

ga ba kitla ba tlhola ba ithuta

tsa tlhabano.

4 Mongwe le mongwe o tla nna

fa tlase ga setlhare sa moweine

sa gagwe

le fa tlase ga setlhare sa feie

sa gagwe,

go se yo o tshosang;

gonne molomo waMorena

wa masomosomo o buile jalo.

5 Gonne morafe mongwe le mongwe o sepela mo leineng la modimo wa ona, mme rona re tla sepela mo leineng laMorena, Modimo wa rona, ka gale le ka bosakhutleng.

Baiseraele ba tla boa mo botshwarong

6 Morenaa re: “Ka letsatsi leo ke tla phutha ba ba tlhotsang, ke kgobokanya ba ba lelekilweng le ba ke ba diretseng kotlo.

7 Ba ba tlhotsang ke tla ba dira masalela; ba ba katoseditsweng kwa kgakala ke ba dira setšhaba se se thata. MmeMorenae tla nna kgosi ya bone mo thabeng ya Sione go tloga jaanong go ya bosakhutleng.”

8 Mme wena sefata sa letsomane, wena thabana ya morwadia Sione, puso ele ya pele e tla fitlha mo go wena, e boela mo go wena, e leng bogosi jwa morwadia Jerusalema.

9 Jaanong o goelang thata? Kgosi a ga e na nao? Gongwe a mogakolodi wa gago o nyeletse, mo e bileng o tshwerwe ke matlhoko jaaka mosadi yo o belegang?

10 Segwa ke leralalo, morwadia Sione, jaaka mosadi yo o belegang. Gonne jaanong o tla tswa mo motseng, o nna mo nageng, o fitlha kwa Babele. Teng koo o tla pholosiwa; teng kwaMorenao tla go golola mo mabogong a baba ba gago.

11 Morago ga moo ditšhaba tse dintsi di tla phuthega, di go tsogela di re: “A Sione a itshepololwe gore matlho a rona a mo lebe ka kgatlhego.”

12 Mme bone ga ba itse megopolo yaMorena, ga ba lemoge maikaelelo a gagwe a gore o ba kgobokanya jaaka dingata tsa mabele mo seboaneng.

13 “Tsoga o phothe, morwadia Sione! Gonne ke tla go direla dinaka tsa tshipi le ditlhako tsa kgotlho, mme o tla pšhwetlakanya merafe e mentsi, o fisetsa Morena papadi ya bone ya tshiamololo,Morenawa lefatshe lotlhe o mo fisetsa khumo ya bone.”

14 Mme jaanong o tla pitlagana, morwadia makoko a ntwa. Mmaba o re dikanyeditse ka go kgobela mmu. Ba tla itaya moatlhodi wa Iseraele ka thupa mo lesameng.