1 Polelelopele ya petso ka ga Ninife. Lokwalo lwa pono ya ga Nahume wa kwa Elekoše.
Morena o betsa baba, o thusa ba ba mo ikanyang
2 Morenake Modimo
o o lefufa o o busolosang;
Morenao a busolosa,
ke ene Rrabogale-jo-bo-tukang.
Morenao ipusolosetsa
mo baganetsing ba gagwe;
o bolokela baba ba gagwe bogale.
3 Morenao pelotelele,
mme o na le thata e kgolo;
ruri, ga a leseletsa moleofi ope,
a sa mmetse.
KeMorenayo tsela ya gagwe
e leng mo phefong
le mo ledimong,
yo maru e leng dithole
tsa dinao tsa gagwe.
4 O kgalemela lewatle, a le tšhese,
dinoka tsotlhe a di kgadise;
Basane le Karemele di swabe,
le sethunya sa Lebanone
se swabe.
5 Dithaba di roroma
fa pele ga gagwe,
dithabana di a gakologa;
lefatshe le tshikinyega
fa pele ga sefatlhego sa gagwe,
ee, lefatshe le botlhe
ba ba agileng mo go lone.
6 Ke mang yo o ka emang
fa pele ga kgakalo ya gagwe?
Ke mang yo o ka phelang
mo bogaleng jwa gagwe
jo bo tukang?
Kgalefo ya gagwe e tsholelwa
jaaka molelo;
mafika a phatloga
fa pele ga gagwe.
7 Morenake yo o molemo,
ke botshabelo
mo letsatsing la tlalelo;
o itse ba ba mo ikanyang.
8 O tla nyeletsa felo ga teng
ka morwalela wa metsi
o o penologang,
a ba a latelela baba ba gagwe
kwa lefifing.
9 Lo logile maano afe
a go lwa leMorena?
Ene o tla nyeletsa.
Tlalelo ga e kitla e tla
lwa bobedi.
10 Le fa ba tshwana le mitlwa
e e raraanyeng,
le fa ba le metsi
jaaka seno sa bona:
Ba tla šwa gotlhe
jaaka dirite tse di omeletseng.
11 Mongwe o dule mo go wena Ninife, yo o neng a akantse bosula ka gaMorena, a loga maano a a senyang.
12 Morenao bua jaana a re: “Le fa ba itekanetse, le fa e le ba bantsi jang, ba tla remiwa, ba nyelela fela jalo! Le fa ke ne ka go kokobetsa, ga nkitla ke tlhola ke go kokobetsa gape.
13 Mme jaanong ke tla roba joko ya gagwe, ke e tlosa mo go wena; ke kgaola dikgole tse ò golegilweng ka tsona.”
14 MmeMorenao tla laola ka ga gagogore go se ka ga tlhola go jwalwa leina la gago. “Ke tla nyeletsa setshwantsho sa modimo se se setilweng le se se bopilweng mo ntlong ya modimo wa gago; ke go epela lebitla, gonne ò fitlhetswe ò le botlhofo.”
15 Bonang maoto a yo o bolelang tse di molemo mo dithabeng, yo o utlwatsang kagiso! Dira meletlo ya gago, Juta, dirafatsa maikano a gago; gonne mosenyi ga a kitla a tlhola a ralala naga ya gago gape; o nyeleditswe gotlhegotlhe.