NAHUME 2

Polelelopele e e reng: Ninife o tla nyelediwa

1 Go bolotse mophatlakanyi,

a go tsogela, Ninife;

disa dikago tsa phemelo,

ò tlhole baba mo tseleng,

ò tiise letheka la gago,

ò thatafatse nonofo segolo.

2 GonneMorenao tla busa kgalalelo ya Jakobe le kgalalelo ya Iseraele; gonne dinokwane di ba thukhuthile, tsa senya dikala tsa meweine ya bone.

3 Dithebe tsa bagale ba gagwe

di hubiditswe,

batlhabani ba apere bohibidu;

tshipi ya dikoloi tsa ntwa

e phatsima jaaka molelo

ka letsatsi le o di baakanyang

ka lone,

mme marumo a a kgadikanngwa.

4 Dikoloi di taboga ka lobelo

lo logolo mo mekgwatheng,

di fapaakana mo dipatlelong;

di bonala jaaka dirumola,

di taboga di boa

jaaka dikgadima.

5 E tla bitsa bagale ba yona,

mme ba tla kgotšwa

mo ditseleng tsa bone;

ba itlhaganela

ba ya kwa loboteng lwa motse,

mme leobo la tlhaselo

le setse le baakantswe.

6 Dikgoro tsa dinoka di bulegile;

ntlo ya borena e a nyelela.

7 Mohumagadi Husabe

o a apolwa, o a tlosiwa;

malata a gagwe a lela

jaaka maeba, a ithwala megono.

8 Ninife o tshwana le letsha

la metsi le metsi a lone a tshabang.

Le fa go twe:

“Emang tlhe, emang!”

Ga go na ope yo o retologang.

9 Thopang selefera,

thopang gouta!

Dithoto ga di fele.

Go na le bontsi jwa mefutafuta

jwa dilo tse di eletsegang.

10 Ninife o thukhuthilwe,

ga go na sepe,

o ntshitswe sekaka.

Ba nyemile moko,

mangole a a tetesela,

matheka otlhe a botlhoko;

ba botlhe ba swabile difatlhego.

11 Jaanong kutla ya ditau e kae?

Bo kae bojelo jwa ditawana

kwa tau e tona le e namagadi le

tawana di neng di itsamaela teng

go se yo o di tshosang?

12 E kae tau e e neng

e gagogela ditawana

ka fa go lekanyeng ka teng,

e bolaela ditau tse dinamagadi;

e tlatsa dikutla tsa yona thopo,

le marobalo a yona

tse e di gagotseng?

13 “Bona, ke tla go tsogela,” go buaMorenawa masomosomo. “Dikoloi tsa gago ke tla di fisa ka molelo, di nyelela mo musing. Tšhaka e tla ja ditawana tsa gago, ke tla khutlisa go thopa ga gago mo lefatsheng. Ga go nke go tlhola go utlwiwa lentswe la barongwi ba gago.”