Maleo a Ninife le tatlhego ya teng
1 A tatlhego wee ya motse wa madi
o o tletseng maaka
le tshiamololo gotlhe,
o o sa khutleng go thukhutha.
2 Utlwa seme se thwantsha,
utlwa modumo wa maotwana
a dikoloi
le dipitse tse di sianang,
le dikoloi tse di kgothoselang!
3 Bapalami ba matla ka dipitse,
ditšhaka di phatsima
jaaka molelo;
marumo a bonala
jaaka dikgadima!
A bontsi jo bo bolailweng,
ditoto di kana kang!
Direpa ga di fele!
Ba tla kgotšwa
ke ditoto tsa bone.
4 Ke ka ntlha ya boaka jo bogolo
jwa seaka se sentle
se se kgatlhisang,
setswerere sa mereo ya boloi;
se se tsieditseng ditšhaba
ka boaka jwa sona le ditshika
ka mereo ya boloi ya sona.
5 “Bona, ke tla go otla,”
go buaMorena
wa masomosomo.
“Ke tla tsholetsa
mosese wa gago,
ke go bipa sefatlhego ka ona,
ke bontsha ditšhaba bosaikatega
jwa gago
le magosi ditlhong tsa gago.
6 Ke tla tshela matlakala
mo go wena,
ke go tlotlolola,
ke go dira selebo
se se nyatsegang.
7 Gore botlhe ba ba go bonang
ba go tshabe
ba re: ‘O nyeleditswe,
motse wa Ninife!
Ke mang yo o tla o utlwelang
botlhoko?’
Ke tla go batlela kae bagomotsi?”
8 A o a re, o feta motse wa No-Amone o o neng o le fa dinokeng, o na le metsi mo tikologong ya ona, o phemelo ya ona e leng lewatle, o tshireletso ya ona e leng metsi?
9 Ethiopia e ne e le thata ya ona le Baegepeto ba ba se nang palo; Baphute le Balebia ba ne ba o thusa.
10 Le fa go ntse jalo le ona wa tlosiwa, wa ya mo botshwarong. Bana ba ona le bone ba tšhwetlakanngwa mo makgatlhanong a mebila yotlhe; batlotlegi ba ona ba ba tlhamela tengwa, ba bagolo ba ona ba bofiwa ka dikeetane.
11 Mme le wena ò tla tagwa, ò tlhakana tlhogo; le wena ò tla batla botshabelo gore ò tshabe mmaba.
12 Metse yotlhe ya gago e e femetsweng e tshwana le ditlhare tsa feie tse di nang le mabutswapele; fa di tshikinngwa, a wele mo leganong la moji.
13 Bona, morafe wa gago o o mo teng ga gago ke basadi fela; ruri, dikgoro tsa lefatshe la gago di bulegetse baba ba gago; molelo o jele diphemelo tsa gago.
14 Ikgele metsi, gonne o tla dikelediwa ke baba. Tiisa dikago tsa phemelo tsa gago; tsena mo seretseng, ò se gatake, ò tsee sebopi sa diekana.
15 Gona foo molelo o tla go jela teng, tšhaka e go nyeletsa, e go ja jaaka molome.
Le fa o ka ntsifala jaaka molome le fa ò ka ntsifala jaaka segongwane,
16 le fa ò ntsifaditse bareki ba gago bogolo go dinaledi tsa legodimo! – Boijane bo ne jwa tswa diphuka, jwa fofa jwa ya.
17 Dikgosana tsa gago di tshwana le segongwane, balaodi ba gago ba tshwana le bontsi jwa tsie e e robetseng mo dikgoreng mo letsatsing le le maruru. E re letsatsi le tlhabile, e fofe e tloge, go sa itse ope kwa e ileng teng.
18 Badisa ba gago ba robetse, kgosi ya Asiria; bagale ba gago ba itunna fela; morafe wa gago o phatlaladitswe mo dithabeng, go se yo o ba phuthang.
19 Thubego ya gago ga e na go baakanngwa; ntho ya gago ke e e sa foleng. Botlhe ba ba utlwang kitsiso ka ga gago ba go opela diatla; gonne ke mang yo o neng a sa dirafalelwe ke bosula jo o bo dirileng ka metlha?