OBATYA 1

Petso e e lebanyeng Baetomo

1 Pono ya ga Obatya. Morena Modimo o bua jaana ka ga Etomo a re: Re begetswe keMorenaga twe:

Morongwi o romilwe kwa ditšhabeng a re:

“Nanogang, a re bololeng

go tlhabana nae!”

2 “Bona, ke go dirile yo monnye

mo ditšhabeng,

o a nyatsega thata.

3 Boikgogomoso jwa pelo ya gago

bo go tsieditse,

wena yo o agileng mo dikgageng

tsa mafika,

yo o nnang mo mafelong

a a kwa godimo,

yo o buang mo pelong ya gago

o re: ‘Ke mang

yo o ka ntigelang fa fatshe?’

4 Le fa o dira sentlhaga sa gago

kwa godimodimo jaaka ntsu;

le fa e le se se tlhomilweng

mo gare ga dinaledi,

ke tla go folosa teng,”

go buaMorena.

5 “Fa magodu a tla kwa go wena,

le fa e le dinokwane bosigo

– kana o nyalediwa jang! –

ga ke re, ba tla utswa

ka fa go ba lekanyeng ka teng?

Fa bafudi ba maungo a moweine

ba tla kwa go wena, ga ke re,

ba tla tlogela maronopo?

6 Kana ba fukutsa Esau jang,

ba batla mahumo a gagwe

a a fitlhilweng!

7 Banna botlhe

ba ba ikopantseng nao

ba go buseditse

kwa molelwaneng;

banna ba o tsalanyeng nabo

ba go tsieditse,

ba go gatelela,

ba go beela seru fa tlase ga gago

boemong jwa go go naya

dijo tsa gago.

Mme Esau ga a lemoge sepe.

8 “A ga nkitla ke fedisa matlhale

mo go Etomo

le tlhaloganyo mo dithabeng

tsa ga Esau ka letsatsi leo?”

go botsaMorena.

9 “Wena motse wa Themane,

bagale ba gago

ba tla bo ba nyemile moko

gore mongwe le mongwe

a bolawe

mo dithabeng tsa ga Esau

ka polao e e setlhogo.”

Mabaka a petso ya Baetomo

10 “Ditlhong di tla go khurumetsa,

o nyelediwa ka go sa feleng

ka ntlha ya go gatelela

Jakobe monnao.

11 E rile ka letsatsi lele,

fa o ne o eme kwa thoko;

ka letsatsi lele, fa baeng

ba ne ba tlosa batlhabani ba gagwe

e le batshwarwi;

fa ba ditšhaba di sele

ba ne ba tsena

mo dikgorong tsa gagwe,

ba tlhamela Jerusalema tengwa,

le wena wa bo o le jaaka

mongwe wa bone.

12 Kana o ne o sa tshwanela

go leba letsatsi la tatlhego

ya ga monnao ka boitumelo;

o ne o sa tshwanela go itumela

ka letsatsi la nyelelo

ya bana ba Juta;

o ne o sa tshwanela go ikgantsha

ka letsatsi la pitlagano.

13 O ne o sa tshwanela go tsena

mo kgorong ya morafe wa me

ka letsatsi le ba neng

ba le mo bothateng ka lone;

wena o ne o sa tshwanela go leba

botlhoko jo bo ba dirafalelang

ka kgatlhego

ka letsatsi la tlalelo ya bone;

o ne o sa tshwanela go thopa

lehumo la bone ka letsatsi

la tlalelo ya bona.

14 O ne o sa tshwanela go ema,

fa ditsela di kgabaganyang teng

go bolaya ba ba falotseng

ba bone;

o ne o sa tshwanela go neela

baba bafalodi ba bone

ka letsatsi la pitlagano.”

Modimo o tla atlhola ditšhaba

15 “Gonne letsatsi laMorenala go

atlhola ditšhaba tsotlhe le gaufi:

O tla direlwa jaaka o dirile,

tiro ya gago e tla boela

mo tlhogong ya gago.

16 Gonne ditšhaba tsotlhe

di tla nwa ka gale,

jaaka lo nwele mo thabeng

e e boitshepo ya me;

di tla nwa,

di minolosa

gore di be di nne jaaka ekete

ga di ise di ke di nne teng.”

Phenyo ya Baiseraele

17 “Mme mo thabeng ya Sione

go tla nna pholoso,

Sione e tla nna

felo fa go boitshepo,

mme ba ntlo ya Jakobe

ba tla rua boswa jwa bone.

18 Foo ba ntlo ya Jakobe

ba tla nna molelo,

ba ntlo ya Josefa ba nne kgabo,

mme ba ntlo ya Esau

ba tla nna dirite:

Ba tla tshujwa, ba jewa ka bone,

go se ke go nne masalela

a ba ntlo ya Esau,”

gonneMorenao buile jalo.

19 “Ba ntlheng ya borwa

ba tla rua dithaba tsa Esau,

ba naga e e kwa tlase

ba rua naga ya Bafelesita;

ba ba mo dithabeng ba tla rua

naga ya Eferaime le ya Samaria,

Babenyamene ba rua Gileate.

20 Mme batshwarwi ba mophato

o wa Baiseraele

ba tla thopa naga ya Bakanana

go fitlha kwa Sarefathe;

batshwarwi ba Jerusalema

ba ba kwa Sefarada,

ba tla rua metse e e kwa borwa.

21 Mme bapholosi ba tla tlhatlogela

mo thabeng ya Sione,

gore ba buse dithaba tsa Esau,

mme bogosi e tla nna

jwaMorena.”