RUTHE 3

Ruthe o bona monna

1 Mme Naomi a raya ngwetsi wa gagwe a re: “Morwadiaka, kana ke tshwanetse go go batlela legae la boikhutso gore o phele sentle.

2 Jaanong Boase yo ò neng o na le basetsana ba gagwe, kana ene ke wa ga etsho. Bona, o tla lala a olosa garase mo seboaneng bosigong jono.

3 Tlhapa o iphotle o apare diaparo tsa gago tsa mokgabo, o fologele kwa seboaneng; o se ka wa nta monna yoo a go lemoga a ise a fetse go ja le go nwa.

4 Mme e re a ya go robala, o lebelele fa a robalang teng, o ye o bipolele fa dinaong tsa gagwe, o robale; foo ene o tla go bolelela se o tshwanetseng go se dira.”

5 Ruthe a mo araba a re: “Ke tla dira tsotlhe tse o di ntaetseng.”

6 A fologela kwa seboaneng, a dira tsotlhe fela jaaka matsalaagwe a mo laetse.

7 E rile Boase a sena go ja le go nwa, mme pelo ya gagwe e itumetse, a ya a robala fa thoko ga mokoa wa garase; ke fa Ruthe a tla a ngwangwaela, a bipolela fa dinaong tsa gagwe, a robala.

8 Ya re gare ga bosigo monna yoo a tshoga, a kanamologa, a fitlhela mosadi a robetse fa dinaong tsa gagwe.

9 A botsa a re: “O mang?” A araba a re: “Ke nna Ruthe, lelata la gago; phuthololela lelata la gago diphuka tsa gago; gonne ke wena mogolodi.”

10 Boase a re: “O tshegofadiwe keMorena, morwadiaka. Lorato lo lwa gago lo gaisa lwa pele, ka o se ka wa latela makau, le fa e le a a humanegileng gongwe a a humileng.

11 Mme jaanong, morwadiaka, se boife. Tsotlhe tse o di buileng ke tla di go direla. Kana go itse mongwe le mongwe mo lekgotleng la morafe wa ga etsho, fa o le mosadi yo o maatlametlo.

12 Jaanong he, ke nnete, ke nna mogolodi; mme le gona go na le mogolodi yo o tshwanetseng bogolo go nna.

13 Lala fano bosigong jono. E re mo mosong, fa a ka go golola, go siame, a a go golole! Mme fa a sa kgatlhwe ke go go golola, foo nna – ka bophelo jwaMorena– ke tla go golola! Robala fano go ya mosong.”

14 Ruthe a robala fa dinaong tsa gagwe go ya mosong, mme a tsoga phakela go ise go bonale. Gonne Boase o ne a re: “A go se ka ga itsiwe gore mosadi yoo o letse kwa seboaneng.”

15 Boase a mo raya a re: “Tlisa kobo e o e apereng, o e ntshwarelele.” A e mo tshwarelela, mme Boase a mo tshelela dielo di le thataro tsa garase, a e mo rwesa. Jaanong Ruthe a ya kwa motseng.

16 Ya re a fitlha, matsalaagwe a mmotsa a re: “Go ntse jang, morwadiaka?” Ruthe a mmolelela tsotlhe tse monna yoo o di mo diretseng,

17 a re: “O mphile dielo di le thataro tseo tsa garase a re: ‘Ga o a tshwanela go fitlha kwa go matsalaago o iphotlhere fela.’ ”

18 Mme Naomi a re: “Iketle, morwadiaka, go fitlhelela o be o itse gore kgang e, e felela kae; gonne monna yoo ga a kitla a ikhutsa a ise a fetse kgang e kajeno.”